Naledi

BCL e tlhoka Batswana botlhe

 

Gompieno re bua jaana moepo o o tswetse ditirelo tsa one tsotlhe ka ntlha ya go sa direng sentle kgotsa go tlhoka dipoelo ga one. Kgang ya go tswalwa ga moepo o wa BCL e tlhoka gore Motswana mongwe le mongwe a rwale maikarabelo a go tswa ka tharabololo, eseng go nnela ditlontlokwane tse di tletseng sepolotiki.

Batswana ba tshwanetse go itse gore moepo o wa BCL o simolodisitswe ka maikaelelo a go tlhamela Batswana, le batswakwa ditiro. Ke sone seo go leng botlhokwa gore Batswana ba gakologelwe gore moepo o o ntse o dira jalo dingwaga di feta masome mane. Selo se bangwe babereki le ba malwapa a bone ba ka ikgantsha ka sone le go se lebogela.

Moepo o gape o ne fela jaaka e mengwe wa thusa ka madi go tlhabolola lefatshe la Botswana, le yone toropo ya Selebi-Phikwe, le gone gape go thusa mo ditlhabololong tsa metse e e gaufi le one. Moepo o ntse o thusa ka madi mo ditirong tse dintsi mo kgaolong ya Bobirwa le Tswapong mo dingwageng tse dintsi tsa botshelo jwa one.

Ga gona ope yo o tshwanetseng go lebala gore BCL e ne ya simolola go tsamaya ka mangole thata dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Se se ne se dirwa ke gore theko ya dithoto tsa one e ne e sa dire sentle kwa mafatsheng a sele. Seemo se sa go wa ka mangole se befisediwa pele ke kwelotlase ya itsholelo e e neng ya apara mafatshe otlhe go ralala lebopo.

Seemo se sa go gogoba ka magole ga BCL sa pateletsa puso go tswelela e tshela madi a mantsi go yone, e le go leka go thusa gore e seka ya wa ka mpa ya sebete bogolo jang ka selelo se sengwe e ne e le sa go duela madimadi a dikgobala le go latlhega ga matshelo a babereki.

Jaanong puo ke ya mahutsana kgwedi eno. BCL e gana go tsoga go ya ka dipuo tsa bagolo ba puso. Ke gone puso e bolelang gore e ntse e tshela madi ka motlhobodika go sena dipoelo. Tshwetso ya nna nngwe fela. A re emiseng ditirelo re batle batlhalefi go re thusa gore tsela pedi re tsaya efe. A re tseye ya ga saatane ya bosethogo, kgotsa re tseye ya Modimo ya bobelotlhomogi? Ditirelo di emisiwa jaana go bereka batho ba tshwara dikete tse tlhano (5,000) ba ba ntseng ba tshetsa malwapa a bone ka dituelo tsa kgwedi go tswa mo mohiring BCL. Jaanong dipuo le ditshwetso tse di a ba ama. Ba na le dipotso di feta dikarabo. Tota dipotso tsa bone ka bontsi ga di na dikarabo gotlhelele. Le fa ba re ba botsa matona a puso, ga ba tswe ka sepe se senang le tsholofetso.

Seemo se se maswe, se utlwisa botlhoko. Ke sone seo go tshwanetseng gore Motswana mongwe le mongwe a ikgakologelwa le go lemoga sentle gore tota se se raya eng mo matshelong a babereki ba le bamalwapa a bone. Mo godimo ga se go raya eng mo itsholelong ya Botswana le toropo ya Selebi-Phikwe e tota e ntseng e sokola thata ka ntlha ya go sa direng sentle ga dikgwebo ka bontsi tse di fitlhelwang mo go yone.  Kgang e e masisi, e batla Batswana botlhe, eseng ba tla ka dipharologanyo tsa sepolotiki kgotsa tlontlokwane tsa go supana ka menwana go sena ope yo o ka tswang ka tharabololo ya mathata a BCL.