Mmaratwa o tlogetse motlhala kwa London
Teichler Rankoa | Wednesday October 19, 2016 13:59
Ke sone seo dipalo tsa baopedi ba one ba ba etelang teng go diragatsa di ntse di oketsegela pele. Bosheng go ne ga tsena mo sefofaneng Mmaratwa go leba kwa London go diragatsa teng. Koo o fetile a itumedisa thata bathobasweu le Batswana ba ba nang teng. O ba jesitse monate wa tsina ya borankana.
Mosetsana yo Mmaratwa, o itsege thata ka mmino ya Setswana. O tumile thata ka pina ya Setilo sa Matlabane. Bosheng jaana o ne a golola alebamo e nngwe gape e le ya gagwe ya bobedi. Yone o e biditse fela a re Tsholetsa ditlhako Ranngasi.
Sethakga se se boleletse Naledi gore erile go utlwa gore o tshwanetse go ya London a seka a solofela thata gore o ka bona bathobasweu ba ka ema ka dinao go bina le ene dipina tsa gagwe. A re o ne a itse fela gore ene gongwe le gongwe fa a tsenang teng go opela le go bina, o ntsha gatshwene. Mme o ne a sa itse fa e le gore o bogale mo a ka emisang ditshaba di sele ka dinao.
Mmaratwa a re erile go palama serala a kgabile ka paka ya gagwe ya kopelo ya borankana, a ipolelela gore o tshwanetse go opela le go bina ka mokgwa oo tlaa mo thusang go tlogela motlhala o o bonalang kwa London. A re fa e le letshogo lone o ne a sena nalo gotlhelele. A re o itshepha thata ka a setse a na le maitemogelo mo mminong wa bokankana.
A re fa a ntse a aja motwane o ne a itumela thata go bona gore mmino wa Botswana o kgona go sutlhelela mo mafatsheng ka bontsi. A re dipina tsa gagwe di supagetse sentle gore ke tsa maemo a a kwa godimo bogolo jang ka mathale le dikatara tsa teng di na le motswako o o binegang.
Mmaratwa a re erile fela a opela pina ya Tsholetsa Ditlhako Ranngasi, Batswana ba ba kwa London ba ema ka dinao go opela le go bina le ene. A re pina e itshupile fa e tshotse molaetsa o le montsi o o ratwang bobe ke Batswana. A re erile jaanong a e ranolela kwa Sekgoeng a ntse a opela Makgowa ba itumela thata mme ba tlola ba bina le bone.
Sengwe se Mmaratwa a reng se ratilwe thata ke Makgowa ke kapari ya gagwe. A re ba ne ba supa gore ba e rata thata.
O tsweletse a bolela fa ka ntlha ya bodiragatsi jwa gagwe a kgonne go itumedisa le ditshaba di tshwana le tsa China. A re o dule kwa London a bone ditiro kwa mafatsheng ka go farologana tse a laleditsweng go tla go diragatsa mo go tsone isago.