Naledi

Sharps e tswapetsa Skoon Boys

 

Le fa motshameko o ne a wa simolola morago ga nako ya boraro, mme wa simolola ka ya bone, ka mabaka a gotla thari ga Skoon Boys, ditlhopha tsoo pedi dine tsa lebega di nyoretswe go nosa dino. Sharps ya nna yone e ntshang letsogwana ka go etela dikota tsa Skoon Boys kgapetsakgapetsa.

Metsotso ele lesome le botlhano, motshameko o simolotse, Sharps ka motshamiki wa yone wa mola wa molema, Letlhogonolo Chenjela, wa sekipa sa lesome, a kgabantsha kgwele e eneng ya fitlhela tlhogo ya ga Oookeditse Kgosietsile ele molodi mme a roba thamo ya gagwe ka go nosa nno ya ntlha ya Sharps.Motshwaradinno wa Skoon Boys a utlwa ka melodi le magalapa a baemanokeng ba Sharps.

Ka motsotso wa masome a mararo le botlhano, Skoon Boys ya abelwa thago e khutswane kwa ntle ga mola wa mathibelo a Sharps mme motshamiki wa Skoon Boys wa sekipa sa boraro a lekalekanya dino go nna, ele nngwe ya Sharps le ele nngwe ya Skoon Boys. Raphael Nthwane fela jaaka Obusitse Kobamo wa Skoon Boys, a bona ka molaolamotshameko Mme Orebotse Kekobang a supa kwa molagareng wa lobala.

Sharps e ne ya tswelela e dira ditlhaselo mme ga itshupa jalo ka metsotso ele metlhano pele ga motshameko o ya boikhutsong, jaaka Khumo Bogale a ne a koba maeba mo lewaping, mme kwele ya tlola dino. 

Ya re karolo ya bobedi e simologa, Sharps ya dira fela jalo gape ka go koba maeba mo lowaping mme e latlhegelwa ke ditshono tsa go etelela Motshameko.

Skoon Boys ya gana go leba se Sharps e se dirang go tlhapa ka ditshono mme le bone ba simolola go etela letlhakore la Sharps. Motshamekamorago wa Skoon Boys Ricardo Merero a romelela molaetsa motsharwadino wa Sharps Raphael Nthwane ka kgwele e e mogote mme a patelesega go kgapela kwa ntle go baka sekhutlo.

Ya re go setse fela motsotso ele merataro gore mogwang  o ye borwa, Sharps ya thaya malepa a go leka go nosa nno, mme ga nna fela jalo jaaka Bengu Mosokwe wa sikipara sa botlhano a ne a tlhapa ka kgwele mme motshwaraphala Kekobang a abela Sharps thago e khutshwane. Ya inewa ke Thabang Ofitlhile wa sikipara sa bone mme ka jalo Sharps ya etelela Motshameko ka tse pedi tsa yone le ele nngwe ya Skoon Boys.

Mo potsolotsong le mokatisi wa Skoon Boys gore ke eng se se bakileng tatlhegelo ya bone, Mokatisi Mahutsana Bogotso o boletse fa letsapa la mosepele le nnile le seabe mo basimaneng ba gagwe.

A re mosepele wa go tswa Charleshill o ba tsere sebaka sa dioura dile lesome le borataro. Ntle le mosepele, Bogotso o boletse fa ba nnile le maiteko a mantle fela thata mme a bolela fa ba tla leka ka tsotlhe go tila go latlhegelwa kwa gae.

Fa a ntsha la gagwe, mokatisi Wilfred Mahaja wa Sharps o boletse fa gone gole thata go ka kubugela Skoon Boys ka bane ba sa battle go ba nyatsa ka gore ke bo setlaboshane mo liking ya DEBSWANA. A re ntswa bane ba eleditse go nosa motsotso ya ntlha e e masome a mabedi, go nnile thata ka bane ba sa lomagane sentle mo legareng. Mahaja a re mo metshamekong e e tlang ba tla leka go nonotsha batshamekapele ba bone.

 

Sharps                        2

Skoon Boys             1