Blogs

A re nne re leke

Re ne ra bua gape gore, nngwe ya diphoso tse di diregang fa go kwalwa, ke go tshwaraganya mafoko a a sa tshwanelang go tshwaragana. Gantsi se se diragalang ke gore, fa mafoko a ka bo a kwalwa e le mafoko a mabedi, a kgaoganye, a a tshwaranngwa, a dirwe lefoko le le lengwefela. Modumo wa lefoko le, ke gore ka fa le bidiwang ka ka teng, fa gongwe o se ke o fetoge, o nne o tshwane fela le fa e ne e le mafoko a kgaoganye.

Mme gape, e re gongwe o ne o ka fetoga, rona re bitse ka fa re batlang kgotsa ka fa re akantseng a teng, mme go nne jaaka e kete lefoko leo le kwadilwe sentle. Le fa re setse re kile ra bua ka diphoso tsa go nna jaana, di ntse di tsweletse, di a direga. Mme fela, a re nne re leke, fa re di bonang teng, re nne re di supe, le gore di ka baakangwa jang. 

Ka fa tlase ga Malomatsebe, Naledi (Lwetse 14 2016) e bua ka moruti mongwe yo go utlwalang a ne a se ka a bua mafoko a a monate ka batho bangwe. Tota ga twe moruti yo, o ne a bua ka batho ba ba ratanang e le batho ba bong bo le bongwe. Ga twe mafoko  a a neng a a bua, a ne a supa letlhoo/kilo le kgethololo.

Go utlwala gore ka a ne a bonala a na le mowa wa kgethololo, moruti yo a se ka a letlelelwa go tsena kwa Afrika Borwa (Sotuh Africa) mme le mono Botswana, bangwe ba se ka ba rata a ka baya lonao teng. Ga felela go ntse jalo, moruti yoo a se ka a letlelelwa go tsena mono Botswana.

Polelo e ya Naledi, e na le diphoso di le mokawana, tsotlhe e le tsa mafoko a a sa kwalwang sentle. Phoso e le eng? Phoso e le gore, jaaka re sete re buile, mafoko a, a tshwaragantswe, a dirwa lefoko le le lengwe, mme a ne a sa tshwanela go kwalwa jalo. Mafoko a ke afe?

Lengwe la mafoko a ke ‘gona.’ Naledi ya re, ‘Mo Botswana gona le kgololesego.....’ Lefoko ‘gona,’ re setse re kile ra bua ka lone mme e ntse ke leo le a boela. Re ne ra re, lefoko le, le raya ‘gone’ kgotsa ‘teng.’ Fa bangwe ba tlwaetse go bua ba re ‘gone’ kana ‘teng,’ ba bangwe bone ba re ‘gona.’ Sekai ke gore, e ka re fa Morobi le Mosetli ba bua, Mosetli a raya Morobi a re, ‘Morwadi o setse a ile gona.’ Potso ya nna gore, ‘Gona kae?’ Karabo ya re, ‘Gona kwa masimo.’ Karabo e tlaa bo e raya gore, Morwadi o ile teng/gone kwa masimo.

Re tlaa bona gore fa godimo fale Naledi e dirisitse lefoko le e seng lone. Mafoko a Naledi e ne e tshwanetse go a dirisa ke ‘go na’ e le mafoko a mabedi a a kgaoganyeng. Ba tlaa a re fa ka Setswana o re ‘Go na.....’ ka Sekgoa wa re, ‘There is...’  Fa ba bua ka tumelo ba re, ‘In Botswana there is freedom of worship’ e le yone kgololesego e Naledi e buang ka yone.

Lefoko le lengwe le Naledi e sa le dirisang sentle, ke ‘yoo.’ Naledi ya re, ‘Mongwe le mongwe yoo tshotsweng ke mosadi.....’  Fa go rutwa Setswana ga twe lefoko ‘yoo’ ke lesupi. Lesupi ke lefoko le le supang (jaaka re supa ka monwana) se go buiwang ka sone. Selo se, e ka nna motho, kana sengwe fela. E tswelele thuto ya Setswana e re, ‘yoo’ ke lesupi la bobedi; ke gore, ke lefoko le le supang selo se le gaufi le yo go buiwang nae

A re tseye sekai re re, go na le ngwana o bidiwa Oroba. Oroba o a lela, Neo a re o leka go mo kgaotsa, ga a didimale. Ka go belaela gore Oroba o batla go robala, Monei o raya Neo a re, ‘Ngwana yoo o a otsela, mo robatse.’ Lefoko ‘yoo’ le supa gore ngwana yo go buiwang ka ene, o katogile Monei, o gaufi le Neo yo go buiwang nae; Monei o supela Oroba fale.

Go kwala sentle, fa godimo fale, Naledi e ka bo e ne ya kgaoganya lefoko ‘yoo’ ya re, ‘Mongwe le mongwe yo o (e seng yoo) tshotsweng ke mosadi....’ Pharologanyo ke gore, fa re re ‘yoo,’ re supa motho a le fale. Fa re re, ‘yo o tshotsweng.....’ re tlhalosa gore, ke motho yo o ntseng jang, kana motho ofe. A re leke go nna kelotlhoko betsho. motshwanes@yahoo.com.