Kuke Kolo-maano ga a site
Oageng Batenegi | Wednesday October 12, 2016 12:15
Kolo a re o tsholetswe kwa motseng wa Hukuntsi, Ferikgong a le bongwe, ka ngwaga wa 1958. A re morago ga go tsholwa a ya go nna le batsadi ba gagwe kwa Namibia. A re rraagwe o ne a bereka kwa dipolaseng tsa Samara mme ba kgona go bona dijo. Kolo a re o ne a sa itse gore a rraagwe o ne a duelwa ka tsone dijo kgotsa madi.
A re botshelo bo ne bo se maswe mo go kalo go fitlhelela rraagwe a tlhoka kutlwano le bahiri ba gagwe. A re e ne ele ba letso la Seburu ba ba neng ba tshwenya babereki ba bone thata. Kolo a re letsatsi lengwe rraagwe a lwa le mongwe wa bone.
Bangwe baberekikaene ba ne morago ga sebakanyana ba tlhagisa rraagwe gore mogolwane wa gagwe o loga leano la go mmolaya. Boora Kolo ba ne ba phutha mesobana ya bone ba boela gae Botswana kwa ba neng feta ba thibelela kwa motseng wa Ncojane.
“Mogolowe mme o ne a nyetswe kwa Ncojane mme ene le balelwapa la gagwe ba wa ba tsoga le rona. Re ne ra itlela fela le fa ele kopi kana ntsanyana tota. Rangwane le ene o ne a nyetse kwa bogosing mo motsaneng wa Kole mme a reka dikgomo a kopa ntate go di disa”. Kolo tlhalosetsa Naledi jalo. Kole ke motsana o o gaufi le Hukuntsi.
Morago ga sebaka, rrangwanaagwe a tshwaela rraagwe Kolo dikgomo le dipodi mme le bone ba tloga ba simolola morakana wa bone. Rraagwe Kolo o ne a gana a tsena sekolo ka a ne a dumela gore o botlhale o ka mo thusa go tlhokomela kwa morakeng.
Kolo a re rraagwe o ne a bona tiro mo bangweng ba temothuo (kgwediso ka seatla) mme a mo tlogela le moraka go ya go bereka. “Ntate o ne a re sekolo ga sena mosola, ke dipampiri fela ga di jewe. Fa go apeilwe nama, ntate o ne a ntsholela thata, a leka jalo go supa se a se buang”. Kolo a bolelela Naledi.
Ya re nako nngwe rraagwe a seyo, Kolo a kopa mmaagwe go mo kwadisa kwa sekolong fa monnawe wa mosetsana a kwadisiwa. Kolo a re mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Kole o ne a gana a re o setse a le motona go ka tsena sekolo. Ka nako eo Kolo a re o ne a le dingwaga di lesome le bobedi. A re o ne a itlhoboga mme a tswelela ka go disa. Mme pelo ya gagwe ele botlhoko ka a ne a batlile go tsena sekolo.
Kolo a re ka rraagwe a ne a rata thata tiro ya gagwe kwa morakeng, nako nngwe ke fa a mo neela kgomo a re a ye go e rekisa kwa Hukuntsi. Mme a tle a kgaogane madi le bana ba bangwe mo lwapeng. Kolo a re e rile a sena go rekisa kgomo ke fa a tsenelela madi a a nwa bojalwa. A re kgomo e ne e bone P60.00. Mme fa a tsena kwa gae kwa Kole, ke fa a setse ka P30.
“Ntate o ne a leka go mpetsa mme ka siela Ghanzi kwa ke neng ke dumela gore ke ka bona tiro teng ka tla ka busa madi a mangwe”. Kolo a rialo.
Go gorogeng kwa Ghanzi, mosimane mongwe wa tsala a tswa ka leano la gore ba ye Gaborone o tlaa mmatlela tiro. Kolo a re o ne a kopa mosepele mo go bangwe balosika ba ne ba tla Gaborone mme ba batla dituelo. “Ke ne ka ba raya ka re ke tla ba duela fa re goroga mme tota ke sa itse gore ka eng”. Ga tlhalosa Kolo. Fa ba goroga mo Gaborone a tshwanetse a leboge mosepele jaaka ele ditumalano, Kolo a inaya naga ka a ne a sena madi.
Kolo a re o ne a bona letlotla lengwe go bapa le sekolo se segolwane sa Gaborone (GSS) mme a iphitlha foo. Ba kopana le tsala ya gagwe ya Ghanzi mme ba ya kwa madirelong a tsala e neng e direla kwa go one. Madirelo a ke fa gompieno go itsegeng thata ka leina la Dot.Com go bapa le kereke ya Pentecostal Holiness Church (PHC).
Fa ba tsena kwa madirelong ke fa bagolwane ba itatola tsala ya gagwe. Kolo a re tsala e ne e boetse Gantsi e sa laela bagolwane mo tirong. “Re ne ra itlhoboga ra ipoela mme re sena kwa re robalang teng”. Kolo a tswelela.
Morago ba bona mokhukhunyana kwa Bontleng go latsa tlhogo.
Kolo a re phakela e ne ele go tsoga banna ba sa itse gore ba leba ntlha efe ya lefatshe go batla botshelo.
“Ke ne ka simolola go tsamaya le mekgwatlha, ke ja le mo dikanting”. Kolo a bua jalo a sekaseka dikeledi. Kolo o ne a gakologelwa mongwe ngwana wa ga rangwanaagwe wa lesole. Mme a ya kampeng ya masole kwa Mogoditshane go mo tsoma.
Fa a goroga teng, ke fa a tlhalosetswa gore ka bomadimabe ntsalae o ile go berekela kwa ntle ka nakwana. Ka go itlhoboga, a bona bangwe ba tswa kwa Ncojane mme a tshela le bone le fa morago ba ne ba mo koba.
Tsala ya gagwe e ne ya mo kopanya le bangwe mo Gaborone ba batla modisa. A simolola ka go ba thusa mo madirelong a bone a nama ka go gatelela dikgomo fa ba sena go di reka mo bathong. O ne a thusa a fale le fale fa a santse a letetse go isiwa kwa morakeng ntlheng ya Ngwaketsi, lefelo gatwe Phohushadi.
Kolo o ne a rapela Modimo fela gore ba mo ise morakeng, gore a kgone go ngwega go boela gae ka meraka e e ne e le mo tseleng ya Kgalagadi. Le maina o ne a sa ipitse a boammaaruri. “Ke ne ke bidiwa Dabadaba Mogobelelo”. Ga bua Kolo. Polelo e tla tswelela beke e tlang