Blogs

Go lebetswe lefe?

Banana bone, ka lenaneo la (YDF) Younth Development Fund, ba thusiwe go bula dikgwebo. E re go se na go dirwa jaana, bangwe ba tlhagafale, ba tiise, ba tlhokomele . Fa e le morui, a tlhokomele loruo lwa gagwe, lo hule, lo nwe sentle, a thibele (kentele) malwetse. Ka lo thwerwe sentle, loruo lo, lo itumele, lo none, lo tsale, lo ate.  E re ka motho o tlhagafetse, o a itirela, a robe sengwe, go nne monate. Fa e le molemi, le ene fela jalo, botshelo bo tswele pele, bo tokafale.

Ka ntlha e nngwe, bangwe bone e re ba se na go thusiwa ka tse ba neng ba di kopile, motho a hulare, a lebale gore o tshwanetse go ema ka dinao, a tlhokomela. Fa e le loruo, ka lo latlheletswe, lo ye le naga, go je dibatana; kana boemong jwa go kokotletsa, go tlhabiwe, go jewe. Dijwalo kwa masimo le tsone fela jalo. Go tlogelwe go jewe ke mhero, dinonyane le tse dingwe. Motho a lebale gore jaanong ke nako ya gore o tshwanetse go ema ka dinao, a huhula, a tle a bone mohuhutso wa phatla, e re ka moso a ipolelele, a bo a bolele puso ka sengwe. Go nna jaana, botshelo bo eme fela golo go le gongwefela. O lebe, o bone gore, seemo se, se a tshwenya ka dilo ga di tsamaye sentle.

Go utlwala fa go tshwenyega mo, go ne ga bolelwa ke mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma wa kgaolo ya Kweneng, Rre Kwelagobe, ngwaga ono, morago ga gore go lekolwe dikgwebo dingwe tsa lenaneo le. Ga twe, Rre Kwelagobe o ne a re, go a tshwenya gore batho bangwe ba fiwe mananeo a puso mme ba bo ba sa a dirise. A feta ka gore, bangwe ba tsaya mananeo a, mme ba se na kgatlhego ya kgwebo. Bangwe e a re ba bua ba re, batho bangwe ba tsaya madi a, mme ba tloge ba dire ditiro di sele ka one, e seng se tota e rileng a kopiwa ga bo go twe se ya go dirwa. Mafoko a mangwe a ga Rre Gaotlhobogwe ya nna gore, bangwe ba robe sengwe, ke gore ba bone dipoelo,  mme e re boemong jwa go isa kwa sesigwaneng sa kgwebo, ba  letse leino, ba jele mo ganong. Gone fa, bangwe ba bo ba ka natefelelwa ke go letsa leino. E re ka moso, kgwebo e reketla, go se ke go nne le sepe sa go e tsosa.

Mo gotlhe go felele go supa eng? Motlhala o supe gore, madi tota ga a felela a ile kwa a neng a tshwanetse go ya teng, e bile ga go na dipe dipoelo, kana, maduo a tiro ele. Se, jaaka go twe Rre Kwelagobe o ne a supa, e nne poelo morago; o dirile mme ga o a roba sepe, o ntse o golo go le gongwefela fela. Madi ale, a a neng a ntshitswe go go thusa, ga a busa sepe; ga go na ape maduo. Fa go ntse jaana, Motswana a re, madi a tsenye ka motlhobodika; bangwe ba re ke motlhoboloko.  A o kile wa se bona selo se wetse ka motlhobodika se boa? A a bo a ile, a sa busa sepe, e bile a se kitla a bonwa gope. Go se ke go nne monate.

Go ntse go ntse jalo, Motswana o a tle a re, motswaiso o tuka ka go kgotlediwa. Ka ke oo, o bonala o tima, ke go dirwe jang ka one? Polelo ya re, Rre Kwelagobe o ne a gakolola gore, kgwebo e tshwanetse go nna le sesigwana sa yone fale, gore go tle go bonale sentle gore e tsamaya jang. Ba a tle ba re, o le mong wa kgwebo, o tshwanetse go itse gore madi ao, ga se a gago, a na le mong, e bong kgwebo, a se tsene mo sakaneng la gago. Go twe, fa o dira jalo, o tlaa itse sentle gore a kgwebo eo, e dira dipoelo kana nnyaa.  O bone gore, fa e dira dipoelo, o ka e atolosa jang. Mme gape, fa e sa dire dipoelo, o ka thiba phatlha ele jang. Go bo go ka nna monate fa bagwebi botlhe ba ne ba ka sala mafoko a morago, ba dira jaaka go buiwa, e seng go tsaya ka tsebe fela.

Re ntse re ikamile Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo ele ya dikgwebo tsa nyeletso lehuma mo go yone. Fa e bega ka fa e reng Rre Kwelagobe o ne a bua ka teng ka madi a a neng a abetswe lenaneo le kwa Kweneng, ka ngwaga wa 2018/2019, Dikgang (Daily News) Tlhakole 15 2019 ya re;

‘…..a re maikaelelo….. ke go rekela baikopedi ditsompelo gore madi a teng a seka boa.’

Kgang ya temana e ke gore, madi otlhe a a neng a abetswe lenaneo le kwa Kweneng ka 2018/19, a tshwanetse go dirisiwa a felela, ga se ka ga sala sepe. Jaanong re botsa gore, a temana e, e a utlwala, e a balega?  Re re, nnyaa, ga e  balege. O botse gore ke eng e sa balege? Ke ka gore lefoko lengwe mo go yone, le lebetswe, le latlhegile mo tseleng. O botse gore, lefoko leo, ke lefe?  Lefoko  leo, ke ‘a.’  ‘A’ yo, o tshwanetse go tsena fa gare ga ‘seka’ le ‘boa’ mme go balege gore,’…..gore madi a teng a seka a boa.’ Jalo, polelo e tlaa bo e kwadile sentle, e nepile, go balega, go utlwala.