Blogs

A re se metse mafoko

Polelo e kaya gore, nako nngwe, go ne ga bolodiwa letsholo la go lekola dikgwebo tsa mananeo a, gone kwa Kweneng. O botse gore, gone go lekola mo, ke eng? Go lekola mo, e ne e le go bona gore, ka batho ba thusitswe ka mananeo ao, ba batla go dira dikgwebo, a tsone dikgwebo tseo, di teng, di a tshela. Gape, fa di le teng, di tsweletse jang. A di tsweletse sentle, di itshetletse, kana, golo gongwe di a reketla.

Pele ga re ka utlwa gore lone letsholo lele, le ne la bona jang, a re utlwe gore, one madi a mananeo a, a bontsi bo kae. Go ya ka yone polelo ele, ka ngwaga wa madi wa 2018/19, kgaolo ya Kweneng e ne ya fiwa P13 million mme ga dirisiwa sephatlo sa one madi a, fa sephatlo se sengwe se sa ntse se le foo, se ise se dirisiwe.

A re lemoge gore, Kweneng, fela jaaka dikgaolo tse dingwe, e na le dikgaolwana, mme madi a, a ne a dirisiwa go ya ka tsone dikgaolwana tseo. Go ya ka polelo, kgaolo potlana ya Mogoditshane-Lentsweletau, e dirisitse 60% ya madi ao, ya Molepolole ya dirisa 35%, fa ya Letlhakeng yone e dirisitse 15%.

Ke ao a ne a tswa madi, a dirisiwa.  Mme letsholo lele lone, la fitlhela go ntse jang?

Ga twe, morago ga tekolo ele, Rre Kwelagobe, yo re utlwang e le ene mogakaganyi wa mananeo a nyeletso lehuma kwa Kweneng, o ne a tshwaya dilo dingwe tse a neng a bona di sa itumedise.

Jaaka re ne ra utlwa maloba, ga twe, o ne a re, batho bangwe ba tsaya mananeo a, mme tota ba se na kgatlhego le kgwebo. Fa e le gore e a re ba se na go tsaya madi ale, ba tlhame dikgwebo, yone tota kgwebo e bo e ka tswelela jang mong a e dira a lepeletse, a se na kgatlhego, lorato, mo go yone?

Go ka nna thata, e reketle, mme gongwe e bo e felele e ole, go wa. Se sengwe ya nna gore, dikgwebo dingwe di tsweletse sentle, di dira dipoelo.

Se, e nne selo se sentle, se se nametsang, molato e nne gore, boemong jwa gore mong wa kgwebo a itse gore moo ga se ga gagwe, o tshwanetse go go beela fale, a letse leino, a jele ganong.

Go nna jaana, go nne thata gore kgwebo e ka tswelela sentle. Boemong jwa tswelelopele, e nne poelo morago.

Re utlwile maloba gore polelo e, ya dikgwebo tsa mananeo a nyeletso lehuma kwa Kweneng, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Fa e bega ka fa Rre Kwelagobe a neng a bua ka teng ka batho ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma mme ba tloge ba a phuaganye, Dikgang (Daily News) Tlhakole 15 2019 ya re;

‘…..go supa fa bangwe ba tsaa mananeo mme morago ba senke ditiro…..’ Lefoko ‘tsaa’ le dirisitswe gabedi mo polelong ele, mme la boraro ga dirisiwa ‘tsee.’ Ga twe, ‘…..batho ga ba tsee matsapa…..’

Go ya ka temana e, jaaka re setse re utlwile, Rre Kwelagobe o ne a nyatsa gore, batho bangwe ba a tle ba kope go thusiwa ka mananeo a puso mme e re ba se na go thusiwa jalo, ba hulare tse ba di filweng, ba ye le di sele. Gone fa, lebaka e bo e le eng? Ga re itse.

A motho o a bo a galala se a se filweng, ka tsela nngwe a batla go se oketsa ka go batla tiro e nngwe, ga re itse. Mme fela, moo go bo go sa siama ka gore fa motho a se na go thusiwa, o tshwanetse go tlhomama mo go se a neng a se lelela, a se kopa, a bona gore se tlaa mo fitlhisa fa kae.

Mo temaneng e re e nopotseng ele, re bonye mafoko ‘tsaa,’ le ‘tsee.’

Gompieno potso ke gore, o bona phoso e le eng ka mafoko a? A o bona a siame fela, go se na epe phoso ka one? Fa wena o bona a siame, rona ra re, nnyaa, phoso e teng.

Phoso ke eng? Phoso ke gore, mafoko a, ga a a kwalwa ka botlalo, a felela; tlhaka e nngwe ya one e meditswe. Go nna jalo fa re bua. Re metsa mafoko, kana, re bue ka pela mme ditlhaka dingwe tsa mafoko di se ke di utlwale. Bogologolo jole, go ne go na le Padiso nngwe, e na le seele se se reng, ‘Koko ke ele e lela mo sakeng.’ Utlwa gore, ke koko e lela mo sakeng, e seng, e lla mo sakeng. Go ntse jalo.

Fa re kwala, re feleletsa mafoko, mme fa re bua, nako nngwe, re a kgaole. E re ngwana a lela, ka re a bua, re re, ‘Ngwana o a lla.’ Fa re bua le mongwe re re,’Ke a go bolella.’ Ka re a bo re bua, go siame fela, go se ke go tsewe e le phoso. Mme fa e ka re re kwala, ra kwala jalo, foo gone ke phoso. Fa re kwala, re tshwanetse go kwala ka botlalo ra re, ‘Ngwana o a lela.’

Gape, re re, ‘Ke a go bolelela,’ e seng,  ‘Ke a go bolella.’ Mo go raya gore, le fa godimo fale, polelo e tshwanetse gore e re, ‘…..bangwe ba tsaya mananeo….’ e seng, ‘tsaa.’ Gape, e re, ‘….ga ba tseye matsapa,,,,,’ e seng ‘tsee.’   Jaanong, a re kwale ka botlalo, re se metse mafoko.