Blogs

Re digela tema

E tlaa re le gompieno re tswelele re bue ka manatetshapuo mme se, e le go digela tema e re sale re e segile nako ele. Re ntse ra re, go gontsi betsho.

Re ka tswelela mme ngwaga wa wela re ntse re le mo tseleng, gongwe o mongwe le one, wa tsena, wa ba wa wela, kgang e ntse e tsweletse. E tlaa re go digela tema, re boe re bue ka manatetshapuo a dikarolo tsa mmele.

A e re go tswela pele re boele fa morago fale re re, maloba re ne ra bona Morwadi a ne a sale a tlhola a teatea letsatsi lotlhe, go se na ope yo o mo thusang. A tlhola kwa tshimong a roba. Maitseboa a boela kwa lwapeng mme a fitlhela go se na dijo. A tshwanelwa ke gore a eme, a apeye. A le kae metsi, di le kae dikgong? A tlhomelela a ya go ga metsi. A boa koo a ya go batla dikgong ke gone a feta a apaya.

 A robala a lapile ruri, a sale a tlhola a dira se, a dira sele, a le nosi,  go se na ope go mo thusa.

Re ne ra re, motho go dira a le nosi, bogolo jang tiro e le ntsi, go bokete, go a imela, mme e re go ntse jalo, Motswana a re, motho o lomile ka meno.

Ra tswelela ra re, motho o ka loma ka meno ka tota mo tirong eo, o nosi, ga a na ope yo a mo thusang. Setswana se boe se re motho wa go nna jalo, o mmotlana; o bobotlana.

Nako ele, re ne ra re, re ka bua jalo ka Morwadi ra re, o lomile ka meno. Mme gape re ka tswelela ra re, o mmotlana.

Re ne ra supa gape gore, motho o ka loma ka meno tota e se gore o nosi, a na le batho ba bangwe ba ba ka thusang mme batho ba, ba sa ikutlwe go dira sepe.

Motho e re go twe thusa ka koo, a bo a simolola a bolela ditlhabi le makoa otlhe a a mo go ene; tlhogo e a opa, mala a sega, letheka le a thunya, mangole le one ke ao. Ka ba bangwe ga ba batle go dira sepe, ngwana yo mongwe a felele a itlhoboga, a dira tiro a le nosi.

Mo godimo ga gore motho o lomile ka meno, Setswana se re, go na le magetla marwalela ba bangwe.

Potso e nne gore se raya eng? A re re Morwadi o tlhola a eme, a dira a le nosi, mme tota a se nosi mo lwapeng. A na le mang? A na le Morobi le Mosetli.

Bana ba ke bone e reng go twe tshwara ka koo, ba bo ba mokanelwa ke makoa a otlhe. Morwadi a lome ka meno ba ntse ba le teng. Fa go ntse jaana, motho a dira a le nosi, ba a nang le bone ba sa mo thuse, Motswana a re, motho yoo (yo ene a dirang) o ntshitswe/dirilwe magetla marwalela ba bangwe. Ka sekai sa rona, Morwadi ke ene magetla marwalela ba bangwe.

Ke magetla a ga Morobi le Mosetli ka o tlhola a ba rwaletse, a ba direla, bone ba ntse fela.

A nne a e bapise, a e kgabise, a e natefise, a e loise puo Motswana a re, go na le go bipa mpa ka mabele kana go mpampetsa. Maloba fa go itisitswe kwa ga Mma Ditshenyegelo, re ne ra bona Monwedi a roka Moreti itlho la phokoje, a mo nwela emetshane, e ene Monwedi a neng a e beile, a re o gopola letsatsi la ka moso.

Morago ga malatsi, ra kopana gape, mo gare ga rona go le Bankemetse, setlogolo sa ga Monwedi. Kgang ele ya emetshane ya boela mme ga utlwala sentle fa Bankemetse a ne a bona Monwedi a ntse a tlopinya.

Bankemetse a bodiwa mme a latola. Go kile ga twe o salwa morago gore a bue nnete, a gana, a re ene ga a itse sepe.

Potso e nne gore, e le eng Bankemetse a ne a gana ka nnete? Motswana o tlaa re, Bankemetse o ne a bipa mpa ka mabele; o ne a mpampetsa.

Ke gore o ne a babalela Monwedi, ka ke malomaagwe, a sa batle go mmua leswe fa pele ga batho.

E re lenatetshapuo le re, go bipa mpa ka mabele, seane sone se re, seboba ke bata sa mokwatla sa mpa ke a mpampetsa. Se raya gore, motho o rekegela/babalela wa gaeno, mme o sele ene, o ka mo direla bosula ka tsela nngwe le nngwe fela, ga go re sepe. E wela jalo tema.

motshwanes@yahoo.com