Naledi

Molaetsa Wa Boipuso Wa Tautona Khama Wa Letsatsi La Boipuso

Independence Day President Ian Khama BOT50 address PIC: THALEFANG CHARLES
 
Independence Day President Ian Khama BOT50 address PIC: THALEFANG CHARLES

Batswana betsho, dingwaga tse di masome matlhano tse di fetileng, mo letsatsing la Labotlhano jaaka gompieno, Lwetse a le masome a mararo ka 1966, Bomme le Borre ba lefatshe leno ba ne ba supa maitlamo le tebelopele fa ba simolodisa lefatshe la Botswana. 

Ka maitlamo a bone a go lwela lefatshe leno, le e leng mpho ya Modimo, ba ne ba betla tsela e e neng e se motlhofo. 

Fa go lebilwe se lefatshe leno le atlegileng mo go sone, ba le bantsi ga ba kake ba dumela seemo sa nako eo sa itsholelo, sepolotiki le dikgwetlho tse chaba ya fatshe leno ene e lebagane natso. 

Ka nako eo, lefatshe leno ene ele lengwe la a a lesome lefatshe ka bophara a a neng humanegile go gaisa. Go ne go sena dikago le khumo e lefatshe leno le neng le ka e supa. Batho ka bontsi ba ne ba sa itse go bala le go kwala mme go ne go nale palo e e kwa tlase ga masome a supa ya batho ba ba neng ba weditse dithuto tsa dikole tse dikgolwane tsa secondary.

Baitseanape ba mafatshe ba ne ba dumela gore lefatshe leno le tlaa ikaega ka dithuso tsa mafatshe. E re ka jaana le ne le dikaganyeditswe ke mebuso e e neng e gatelela batho, ene e dumela gore lefatshe leno ga lena go ya gope fela ka lene le tsere tsela ya tsamaiso ya puso ya batho ka batho. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba sirwa ke lehuma le ba neng ba le bona ka matlho mme ba seka ba lemoga se chaba ya Botswana e humileng ka sone. 

Kwa ntle ga dikhumo tsa ditswammung le matlotlo a tlholego, chaba ya lefatshe leno ene e humile mo go tsa puso ya batho ka batho le mowa wa boipelego. Tshwaragano, tsamaiso ya sepolotiki ga mmogo le tsamaiso ya itsholelo di ne tsa tiisa le go rotloetsa mowa wa tshwaragano le go emana nokeng. 

Ka ngwaga wa 1966, ene ele rona, rona fela, ba re neng re dumela mo bokgoning jwa rona mo go betleng tsela e re e batlang le go aga chaba ya lefatshe leno. 

Ka jalo, letsatsi la gompieno ke go leboga bagaka ba ba re betletseng tsela ya go nna Chaba e e tshwaraganeng ebile e le motlotlo. Botswana o re tshelang mo ene, ke boswa jwa bagaka ba ba neng ba nale tebelopele ka bane ba ikgatholosa botlhe ba ba neng b aba kgoba ka mafoko. 

E re ka jaana bangwe ba ne ba sena tsholofelo epe, bagaka ba lefatshe leno ba ne ba nna le tsholofelo le botlhale. Ba ne ba dumela mo go bone le Batswna ka bone.

 

E re ka jaana re ipelela katlego ya lefatshe leno mo dingwageng tse di masome matlhano, re tshwanetse go sekaseka gore re ka kgona eng fa re ka tswelela re bereka mmogo mo dingwageng tse di masome matlhano tse di tlang, re le chaba e e fang botlhe botshelo jo bo nang le seriti.

Fa re lebelela kwa re go tswang, re tshwanetse ra tia moko gore re atlege go feta mo nakong eno. 

E re ka jaana lefatshe leno le kgonne go nna la itsholelo e e fa gare, le fokoditse seemo sa lehuma le go tokahatsa matshelo a batho, seo ga se reye gore jaanong reka iketla mme re tshwanetse go gatela pele. 

Re ipelela letsatsi la gompieno ka jaana borra-rona ba ne ba kgona go fenya dikgwetlho ka jaana ba ne ba itlamile go dira ka natla. Le rona fa re batla go tlogelela dikokomane tsa rona Botswana yo o botoka, re tshwanetse go dira jaaka bone. 

Jaaka re le chaba e e santseng e ka atlega, re tshwanetse ra bereka le go goga mmogo gore re ise lefatshe leno kwa dingwageng tse di lekgolo. Ke motlotlo thata go bo ke le tautona ka nako eno, ka jaana ke gakologelwa gore ene ele Rre yo o neng a eme fa ele tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana ka letsatsi la boipuso ka 1966. Ke leboga gape le botautona ba pele Sir Ketumile Masire le Rre Festus Mogae ka tiro e ntle e ba e diretseng chaba ya lefatshe leno. 

Fa re gatela pele, re tshwanetse go nonotsha puso ya batho ka batho le tsamaiso ya puso e e lolameng ga mmogo le go tshwaragana le mafatshe go rotloetsa tsamaiso eo. Re tshwanetse gape ra tswelela re sa beye sebete tshenyetso sechaba le go batla go ikhumisa ka ditsela tse di seng maleba. Re tshwanetse ra nna le mowa wa boipelego le go tsweledisa ditlhabololo. Re tshwanetse ra tshela mmogo ka kagiso gore fatshe leno le tswelele le rena thitibalo. Re tlaa tswelela re tokahatsa matshelo a Batswana gore rotlhe re nne le monyenyo mo difatlhegong. Re tshwanetse go tswelela gape re sireletsa tikologo le matlotlo a tlholego. Go nale tse re sa atlegang mo go tsone, mme mo go tse re atlegileng mo go tsone, re leboga Modimo go bo a re file botlhale le nonofo mme ka boeteledipele le bokaedi jwa Modimo, re tla atlega mo isagong. 

Kwa bokhutlong, ke tlaa tsaya sebaka se go leboga komiti ya BOT50 e e neng e rulaganyetsa meletlo ya boipuso ka boeteledipele jwa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao. Ke leboga le botlhe ba ba nnileng le seabe mo meletlong ya boipuso mono Gaborone le lefatshe leno ka bophara. A Modimo o le sogofatse. 

Ke a leboga, PULA ! PULA! PULA!