Blogs

Gompieno monwana o feteletse

Go utlwala gore, gone koo, ga bo go le Dr Phophi Ramathuba ene e le wa African National Congress (ANC)kwa Afrika Borwa. Jaaka go tle go nne go direge fa mogolo a laleditswe tiro, a seka a tla fela a iphotlhere Dr Ramathuba. A nna le mafoko mangwe a a neng a kgothatsa basadi bale ba BCP ka one, le go ba tiisa moko.

Polelo e kaya gore lefoko legolo la ga Dr Ramathuba, e ne ya nna gore basadi ba tshwanetse go emana nokeng gore ba kgone go bona maemo mo lekgotleng (phathi) la bone le gone kwa palamenteng tota. Re dumela gore ba le bantsi ba ka bona mafoko a, e le a botlhokwa, a boammaaruri. Gantsi re tle re utlwe go twe, banna ba tswelela pele, ba kgona dilo tse dintsi, ka ba emana nokeng, ba a thusanya. Go ntshiwe sekai go twe, fa monna a batla go nna mokhanselara, mopalamente, o tlaa itsise ba bangwe, a itile mo go bone gore ba mo eme nokeng ka tsela efe fela e mongwe le mongwe wa bone a ka e kgonang, mme go nne jalo. Ba eme nae, ba mo thuse , a fenye, a bone maemo ao. Fa go buiwa ka basadi gone, e nne kgang e sele. Go twe, e tlaa re mosadi yo mongwe, jaaka monna yole, a batla maemo mangwe, ba bangwe ba tle ka dipotso tsa gore, ke mang ene yoo, o kile a dira eng, kgotsa, o ka dira eng. Se, e le go mo nyatsa, go mo tlhobosa, mme bangwe ruri ba felele ba sa tswela gope; ba sale ba tlhobositswe pina e thaya.

Go utlwala gore, a se ka a felela foo Dr Ramathuba. A fetela pele a re, go naya basadi maemo go ka thusa baeteledipele ba mafatshe, go nne motlhofo mo go bone go bua ka dikgang tse di amang basadi. E le eng go nna jalo? E le ka gore basadi le bone ba tlaa bo ba na le kemedi, ba emetswe; bangwe ba bone e le baeteledipele. Re dumalane gore, go nne monate fa dilo di dirwa ba le gaufi, ba itseela ka tsebe, e bile ba ka akanya gone foo gore go ka dirwa jang ka tsone. Fa dilo di sa tsamaye sentle, ba itse gore go senyegile fa kae, lebaka e le eng. Ba tle ba re, se monate se ingwaela.

Fa go senyega, go bo go itshenyetsa wena mong wa tiro, e seng o senyediwa ke motho yo mongwe, wa tloga wa utlwa botlhoko thata. Kgang gape ya nna gore, a e re basadi ba newa maemo, basetsana ba se lebalwe. Ga twe, a le bone ba atamediwe, ba fiwe maemo mangwe a boeteledipele ba tle ba gole ba itse gore, go iwa kae, go gatiwa jang, ba ithutile sengwe ka boeteledipele.

Re ne ra nna ra tlhodumela Dikgang (Daily News) mme ra sela polelo e ya phuthego ya BCP mo go yone. Fa e bega ka fa Dr Ramathuba a neng a bua ka teng kwa go yone phuthego ele, a bua ka go naya basadi maemo, Dikgang (Daily News) Tlhakole 26 2019 ya re;

‘ Avre nako e tsile ya gore bomme le borre ba kgaoganngwe memo a boeteledipele……’

Ke eo kgang. Jaaka gale re botsa gore mo temaneng e re e nopotseng e, o bona phoso efe, kgotsa, diphoso dife? Ga re itse, gongwe ga o bone sepe mme rona re bonye diphoso tse pedi. O botse gore diphoso tseo ke dife. Diphoso tseo  ke lefoko ‘avre’ le ‘memo.’  Potso e nne gore, ke eng re re mafoko  a ke diphoso. Karabo ke gore, ga re na lefoko ‘avre.’ Lefoko le ga se Setswana e bile ga se Sekgowa. Fa e le gore ka teme nngwe le teng, eo teme ga re e itse, ga re itse gore ke efe. Re fetele pele re re, lefoko ‘memo’ lone le teng, ke Sekgowa. Mme le le teng, e le lefoko la Sekgowa, molato ke eng ka lone? Molato ke gore polelo e ne e kwalwa ka Setswana. E rile e tshwanetse go tswelela e ntse jalo, ga tsena mafoko a sele, a lengwe la one re sa itseng gore e ka nna teme efe mme ke one a senya. E re re bona go ntse jaana, re amogele gore ke diphoso di diregile mme ka di gaisa dingwe tse re tle re nne re di bone, re re, gompieno monwana ga o a relela, o feteletse; ke gore, jaaka re bona, o dirile diphoso tse di maswe thata.

Mme kgang e wele re ntse re re, go tila diphoso tsa go nna jaana, a re ne re boela morago go bona gore di ne di tla di e goga jang. Ke gore a e re re fetsa, go kwala, re boe re bale go bona gore a ga go dipe diphoso tse di maswe thata  jaaka tse tsa gompieno tse. Ga re gane, motho mongwe  le mongwe, a dira se a tlaa bong a se dira, o ka fosa, fela jaaka Motswana a re ‘Nkgo go thubega e yang nokeng.’ E nna fela foo, e sa dire sepe, e ka thujwa eng?

Ga go na sepe se ka e thubang. Go ntse go ntse jalo, a re se itsapele go ne re tsenya tiro ya rona leitlho, go bona gore, a ga go diphoso dipe tse e ka reng gone foo, ra di baakanya.