Blogs

Leo le raya go thiba

Go ntse jalo, ga twe Boora Esterhuizen ba re bogosi bo ba lebanye, ba tshwanetse go bo newa. Fela jaaka go tle go nne go direge ka dikgang tsa mohuta o, bontlha bongwe jwa morafe bone bo ganana le mafoko a, bo bona go na le bangwe ba sele, ba bogosi e leng jwa bone. Kgang ya tsoga gone fa. Go ya ka polelo e re e bonyeng, ya re go bona go ntse jaana, puso ya ntsha lekoko, le eteletswe pele ke Kgosi Felix Kgamane, wa Shoshong, go ya go tlhotlhomisa gore bogosi jwa Werda bo tsamaya jang.

Setswana sa re, ‘Meregolwana ya tsatsing e kgonwa ke go lela e lebanye.’ Se raya gore, fa batho ba na le kgang, ba tshwanetse go kopana ba e bua, ba dumalana, kgotsa, ba ganana, ba le mmogo, e seng ba tlhaeletsanya. Gape, a ba e bue, ba se nne fela ba hupetse ka yone. Kgosi Kgamane a goroga kwa Werda mme ka e kgonwa ke go lela e lebanye, ga tshwarwa phuthego ya kgotla, e biditswe ke Kgosi Keleofile Phihadu, go tla go reetsa kgang ya bogosi joo. Polelo ya re, e rile a ala kgang, Kgosi Kgamane a bolela fa ba romilwe ke puso go tla go tlhotlhomisa dikgang tsa bogosi jwa Werda. A fetela pele a supa ka fa kgang e ntseng e tsamaya ka teng go tla go fitlha nako eno. Ga twe, o ne a re ba tsile go tlhotlhomisa kgang e, ka e ne ya re bosheng, Boora Esterhuizen, ba re bogosi ke jwa bone. Go feta foo, a re e ne e rile ngwagatlola, ka kgwedi ya Morule, ba kwalela Lephata la Tribal Administration kwa Tsabong ba ipobola. Ga go tlhalosiwe gore go ipobola mo, e ne e le gofe, mme re dumela gore ke fa Boora Eisterhuisen ba ne ba ntse ba itela gore bogosi ke jwa bone ba bo newe. Ba bo neelwe ka lefe? Go ya ka polelo, ba re, go tswa ka 1955 go tsena 1962, motse oo, o ne o busiwa ke Kgosi Andries Esterhuizen mme ka lone lebaka le, bogosi bo ba lebanye. Gone fa, ga tla potso ya gore, a Kgosi Andries o ne a ntse setilo ka o ne a tsetswe e le kgosi, kana, o ne a tlhophilwe. Karabo ya nna thata.

E ntse e le go ya ka polelo ele, Boora Esterhuizen ba tladiwa ke Rre Johannes Vissagie. Re utlwa gore, ene o ne a re, Kgosi Andries o ne a busa mme a tlogela setilo Botswana a se na go tsaya boipuso ka gore, jaanong tiro ya puso e ne e dirwa ka Setswana mme ene a sa itse Setswana, a itse Afrikaans fela. A fetela pele a supa gore, e rile morago ga gore Kgosi Andries a tlogele maemo ale, ga nna ga tsena dikgosi tse dingwe fa dingwaga di ntse di tlhatlologana. Godimo ga moo, ga twe o ne a re, mo nakong eno, Boora Esterhuizen, ba itse Setswana e bile ba rutegile ba ka kgona go busa morafe. Kgang e sale foo, ga tla lekgamu le lengwe, lone le re bogosi ke jwa Boora Kgokong, kana, Boora Ramokhaneng. Kgang ya loelela; ke gore, ya thatafalela pele. Go ntse jaana, polelo ya re, Rre Tshimologo Kgokong a tla ka mogopolo wa gore, go dirwe fela jaaka go ne go ntse go dirwa pele, kgosi e tlhophiwe. Mogopolo wa tladiwa ke Rre  Thomas Dirakano mme bontsi jwa morafe jwa ya le one.

Polelo e ya bogosi jwa Werda, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News). Fa e bega ka fa bangwe ba neng ba supa ka teng gore bogosi bo tshwanetse go tsamaya jang, Dikgang (Daily News) Moranang 18 2019  ya re;

‘…..ba ne ba supa fa bogosi e le boora …..kana …..kaba tsile mo Werda pele ga batho botlhe.’

Kgang ke eo, ga twe bogosi ke jwa batho bangwe ka gore ba tsile mo Werda pele ga ba bangwe. Ga re ke re ye le kgang ka ga se ya rona, e na le beng. Rona re botsa fela gore, mo temaneng e re e nopotseng e, a o bona lefoko ‘kaba’ le diristswe sentle? Fa o re lefoko leo ga le a dirisiwa sentle, re dumalana nao. Mongwe a botse gore molato ka lone ke eng? Molato ke gore, jaaka re tle re nne re supe, lefoko le, le tshwaragantse mafoko a mabedi, la a dira lefoko le le lengwe. Lefoko leo, la felela le raya se sele, e seng se e ka bong e le sone tota se rewang. Mme lefoko ‘kaba’ le raya eng? Thanodi ya Setswana fa e tlhalosa lefoko ‘kaba’ ya re, ‘thiba, nyeletsa leroba.’ Setswana-English Dictionary yone e le tlhalosa ka Sekgowa e re, ‘seal, plug up, or stop a hole.’ Re dumalane le ditlhaloso tse. Fa sengwe se phunyegile, se dule leroba, phatlha/photlha, mme re tswala leroba leo, bangwe ba tlaa re ba a thiba, ba bangwe ba re, ba a kaba. Gotlhe go tshwane. Gape, lefoko ‘kaba,’ e ka nna leina. Ngwana a bidiwe leina go twe, Kabalano le tswa mo go abalana, abelana. E re ngwana a retiwa, le khutshwafadiwe, go twe Kaba. Go nne go tshwanele.

Jaanong a re lemoge gore temana ele, ga e bue ka go thiba phatlha epe, kana go bitsa ngwana mongwe leina. E bua fela gore batho bangwe ba tshwanetswe ke bogosi ka gore ba thibeletse pele mo Werda. Jalo he, go kwala sentle, e tshwanetse gore e re, ‘…..ka ba tsile mo Werda pele…..’ Jalo, go tlaa bo go kwadilwe sentle.