Blogs

A ntse a a tswelela

Mmualebe a se ka a dumela gore ba lope lefela.

A ba sekegela tsebe. Jalo he, e tlaa re gompieno re nne re tswelele re bue ka manatetshapuo.

Maloba re digetse kgang ya rona re le kwa ga Mma Ditshenyegelo mme ra bona Monwedi a roka Moreti itlho la phokoje. E ne e rile go ntse go itisitswe ka keledi tsa motlhotlho, Moreti a reka emetshane a e baya ka kwa mahuri.

Fa se ntse se tla ka molomo, Monwedi ke yoo a natefelelwa ke go nna a boaboa ka kwa ntlwaneng e e ka kwa morago. Ra se ka ra belaela sepe, ra tsaya gore, go ya ka koo, o ya go ema fa matlhakung. Tlogela maitiso a fele.

Fa maitiso a fela, Moreti a re o ya go tsaya emetshane ya gagwe, a fitlhela emetshane e se na sepe.

A hakgamala gore go diregile eng mme fela a gakologelwa mosepele wa ga Monwedi go nna a boaboa ka kwa mahuri.

A lemoga gore, go dira jalo, Monwedi o ne a sa ye kwa matlhakung, o ne a ya go mo roka itlho la phokoje, a mo nwela thothi e ene Moreti a neng a rile o e beela ka moso, ka ke nnete ga bo se gangwe. A le kae ene Monwedi?

A sale a ile maitiso a sale fa gare. Re ne ra re, go roka itlho la phokoje, ke go tsietsa motho ka tsela e e thata go lemogiwa jaaka re bonye Monwedi a dira Moreti.

 Gompieno a re re, fa a ntse a disitse, Thulare o timelelwa ke dikgomo a diilwe ke go ja moretlwa.

Fa a di tsaya ka motlhala o bona gore di fologetse ka fa masimo. O a tla mme o fitlhela di tlhageletse mo tshimong ya ga Dibata.

Ka o itse gore moretlwa o gaufi, a kgalema, a di ntsha mo tshimong. A bo a setse a utlwile molodi le lentswe la ga Thulare Dibata.

A tla a kubakuba a e tshotse thupa. Go bona Dibata, Thulare a se ka a tlhola a re ka moso.

 A itse gore o tsile go lela moretlwa. A le botsa phokoje. Go le botsa phokoje go raya eng? Go raya go siya, a tshaba. Thulare o ne a le botsa phokoje, ke gore a siya, ka o ne a tshaba go iteelwa gore dikgomo tsa gagwe di sentse.

E re a ntse a tsweletse a natefisa puo Motswana a re go na le go isa phuti Kgalagadi. Gongwe o ka botsa gore phuti e a bo e le eng, e tswa kae, Kgalagadi gone e le kae.

Go araba dipotso tse, a re tseye sekai re re, Mheti ke morui wa kgomo tse dintsi. Lesaka la gagwe le tletse.

Nako nngwe le nngwe fa a batla go rekisa, o a rekisa, fa a batla go tlhaba, o a tlhaba. Bana ba gagwe ga ba eletse nama ka tsatsi lepe. Mashi le madila le gone go ela fela mo ga gagwe.

Gaufi le Mheti go nna Mhati. Mhati ene ga a na dipe dikgomo tse dintsi; tsa gagwe di tlhano fela ka menwana. A jaanong re re, ka letsatsi lengwe, Mhati o tlhabela bana kgomo. 

Ka Motswana a re mabogo dinku a a thebana, Mhati o fa Mheti lebogo la kgomo e.

Ka ba tshela ba abelana kgotsa ba fana, Mheti o itumelela nama e a e filweng. Mhati le ene o ntshitse nama e ka pelo e tshweu, ka lorato, a itse gore, jaaka Setswana se bua, mhi (motho yo o fang) o fa mhi ka ene; ke gore, motho o fa yo le ene a tleng a mo fe.

Botlhe, Mhati le Mheti, ba bona se, e le tiro e ntle.

Mme le fa go ntse jalo, bangwe e ka re fa ba lebile seemo sa ga Mheti, yo o kgomo dintsi, le sa ga Mhati, yo tsa gagwe di leng tlhano fela, ba nyatsa. Go nyatsa ga bone e le eng?

Go nyatsa ga bone ba re Mhati o isitse phuti Kgalagadi. Ba raya eng? Ba nyatsa gore, Mhati, yo dikgomo tsa gagwe e seng tsa sepe, yo bana ba gagwe ba jang nama ka sewelo, o file Mheti yo ene a ruileng matlhape, e bile bana ba gagwe ba sa itse go eletsa nama.

Ba re Mhati, ka go fa Mheti, o isitse phuti Kgalagadi; ke gore o file mohumi, motho yo o sa tlhokeng go fiwa. E ntse e le lone lenatetshapuo le, le fetolwe, go twe, go isa phuduhudu Bosarwa. Ba ele tlhoko e se re o file mhi ka wena, ba go nyatsa, ba re o isitse phuti Kgalagadi; o isitse phuduhudu Bosarwa.

motshwanes@yahoo.com