Naledi

Ga re a lebala�Bomawu

Mmeso o ne a bua jalo kwa phuthegong ya bobegadikgang ya lekgotla leo kwa dikagong tsa BOSETU bosheng.

Mafoko a ga Mmeso a tla morago ga gore Naledi e botse gone kwa phuthegong eo, ka katlego ya lekgotla mabapi le go rotloetsa bobegadikgang jwa Setswana le dipuo ka go farologana mono gae.

Mmeso o ne a araba ka gore, BOMAWU ke lekgotla le lesha le le santseng le lebaganywe thata ke letlhoko la ditsompelo.

A re ka jalo ga le ise le kgone go rarabolole dikgang tse di amang bobegadikgang ka bophara.

Mmeso  o ne a tlatsa ka gore dikgang tse di santseng di le fa pele ga lekgotla ke go bua ka tokafatso ya seemo sa pereko ya babegadikgang.

O tsweletse ka gore dikgang tse dingwe tse di santseng di tsaya nako ya lekgotla thata ke go kgopakgopediwa ga babegadikgang mo tirong ya bone.

Mmeso a re ba tlaa leba seemo sa go rotloetsa diteme tsa mono gae ka kakaretso eseng Setswana fela. Ka nako eno metswedi ya dikgang e e gasang le go kwala dikgang ka Setswana e palo potlana. Ka jalo a re bobegadikgang jwa Setswana ga bo a phuthologa go le kalo gona le dikgang tse di kwalwang ka puo ya sekgoa.

Babegadikgang ba rotloeditswe go inaakanya le BOMAWU ka ditshwanelo tsa bone di ka lwelwa botoka fa e le maloko a lekgotla. Mokwaledi-Mogolo wa lekgotla, Victor Baatweng, o supile fa ba lebaganywe ke kgwetlho ya go iphitlhela ba tshwanelwa ke go dirisa ditsompelo tse di tlhaelang go le gale tsa babegadikgang ba ba inaakantseng semmuso le lekgotla, go lwela dikgang tsa bakaulengwe ba ba sa inaakanyang le lekgotla.

Dikgang tsa konokono kwa phuthegong e e ne ele go rola boeteledipele jwa nakwana jwa lekgotla, go tsibogela dikgang tse di amanang le go kgonkgotshiwa ga babegadikgang ke bahiri ba bone, le go iteela moroko mafoko a gore moruti Stephen Anderson yoo tumileng ka mafoko a letlhoo le lekgobo kgatlhanong le batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe, a re ba bolawe. BOMAWU ene ere a seka a letlelelwa go tsena ka dikgoro tsa lefatshe leno jaaka lefatshe la Aferika Borwa le ne la dira.

Tse dingwe di akaretsa seemo sa go tsaya tshwetso ya go inaakanya le makgotla-kakaretso a mangwe jaaka BOFEPUSU le BFTU.

E nngwe ya moruthutha, e amana le kgonagalo ya gore bobegadikgang bo ka isa puso fa pele ga makgotla tshekelo mabapi le go tima bobegadikgang tsa ipapatso le kgwebo.  BOMAWU e ne ya simolodisiwa semmuso maloba kwa Ave Maria mo Gaborone kwa Mothusa tautona, Mokgweetsi Masisi, e neng  e le sebui sa tlotla.