Naledi

A re lwantsheng ditagi

Go di dirisa gone e ne ele phitlhela. Le mo baneng ba dikole tsa sekondari le bommadikole di ne di utlwalelwa fale le fale. Bana ba ne ba bala le go rutwa ka tsone kwa dikoleng ele tsiboso fela go sena matshosetsi ape. 

Gompieno dilo di fetogile. Tiriso ya ditagi e ile magoletsa ka jaanong le bana fela ba dikole tse potlana ba kgona go fitlhelwa ka tsone ba di rekisetsa bana ba bangwe kgotsa ba di dirisa ka bobone. Fa ele kwa dikoleng tsa sekondari le bommadikole gone gago buiwe. Matsapa di a tsaa kae?

Diphetogo mo ditlhaeletsanyong le mo mafaratlhatlheng a internet di ka tswa di tlhofofaditse kgwebo ya ditagi mo di feletseng di anama le go feta. Go lebega ditshimega tsa kgwebo ya ditagi di ne tsa bona phatlha ee bulegileng mo baneng mme tsa e dirisa fela thata. Di ne gape tsa bona e nngwe mo go bomme ka ba tshephega thata mo  baneng le mo setshabeng ka kakaretso. Gompieno bomme ba

amega thata mo go rekiseng ditagi ka one mabaka a. Ga re ntshe bomme ka leso legolo. Tota dirukutlhi di gongwe le gongwe. Ebile gase basadi fela jaaka dipego tsa bosheng di tlhalosa. Gongwe bomme ba ba tshwarweng bosheng ke ba ba neng ba se bofitlha thata.

Botswana o tshwanetse a ikgapha thata mo nneng boremelelo ja thekiso le tiriso ya ditagi. Eseng jalo dikokomane di tlaa wela ka metlhobodika bogolo thata mo pakeng eno ya letlhoko la ditiro mo bananeng. Thaelesego e kgona go nna motlhofo mo mabakeng aa ntseng jaana. Lephata la thuto le tshwanetse la tsenya leitlho bagwebi ba mo baithuting go tlhomamisa gore ga ba rekisetse bana ditagi ka bofitlha. Bana ba tshwanetse ba phuruphutshwa go netefatsa gore ga ba tsene ka ditagi mo dikoleng. Batsadi le bone ba tshwanetse ba tlhola diaporo le dikgetsi tsa bana go tlhomamisa gore ga ba tshole ditagi.

Sepodisi se se lebaganyeng le

tlhotlhomiso ditagi se tshwanetse sa nonotshiwa ka dipalo le ditsompelo go tlhofofatsa tiro ya sone le go babalela Batswana mo seraing se. Thitibalo ya dingwaga tse 50 etshwanetse ya  somarelwa.