Naledi

Kubetsano e bifela pele kwa Radisele

Kgosi Chritian Ntebele
 
Kgosi Chritian Ntebele

Banni ba supile fa ba batla go itlhophela moeteledipele wa bone eseng yo ba mo bewang pele. Ya re amogela morafe kwa phuthegong ya Kgotla bosheng, mothusa Kgosi ya Radisele, Christian Ntebele o ne a tlhalosa fa Kgosi Masego Olebile wa Palapye a kopile marara a motse go sekaseka yoo tla tlhatlhamang Kakanyo Botoka le ene Ntebele ka sebele, ka jaana le ene a tloga latlhela ka lebaka la bogodi kgwedi eno e ya fifing.

Ntebele o ne a re Kgosi Olebile o ba tlhaloseditse gore Kakanyo Botoka ga e sa tlhole ele Kgosi ka mabaka a a ka sekeng a a bua. A re ka jalo ba ne ba kopiwa go tla ka maina a mabedi a ba eletsang e ka nna dikgosi.

“Kgosi Olebile o rile re sekaseke batho ba eleng banni ba Radisele, ba ba tshephegang ebile ba rutegile e bile ba ka kgona go etelela setshaba,” Ntebele a tlhalosa jalo.

Ntebele o tsweletse ka gore le mo maphateng a puso go na le tsela ya go dira dilo, a re jaaka e rile Kgosi Ntebele Ntebele wa Palapye a tlhokafala, Olebile a bo a tlhatlosiwa maemo go nna ene Kgosi ya Palapye.

Ka mafoko ao, ya bo ele jaaka Ntebele a rolela phuthego gore ele marara ba tsere tshwetso ya go tsenya Kgosana ya kgotlana ya Ramodela, Mmereki mo boemong jwa ga Botoka. Ya bo ele jaaka Ntebele a kgotlhile motshitshi, ga seka ga nna le ope yoo dumalang le tshwetso ya gagwe.Phuthego e ne ya supa fa se se dirilweng ke marara ele go nyatsa morafe le go tlhoka therisanyo. Kobamo Kaisara wa kgotlana ya Sepalamoriri o ne a ganetsana le mafoko aga mothusa Kgosi Ntebele a re Kgosi Olebile o rile morafe o itlhophele maina e seng gore dikgosana di tswe ka maina ao. A re Kgosi Olebile o ne a ba solofeditse go tla go tsaya maina mo morafeng.

“Go ne go kanna molemo fa magosi a rona a ne a re biditse mme ra tla go akantshana gore reka tlhopha bomang rele mmogo. Ga ba ka ke ba re biletsa gore rolela maina, a rona re sa nnang le seabe mo go a tlhopheng,” go bua jalo Kaisara.

Monni yo mongwe, Molefhe Motlotlegi o ne a supa fa a swabile nko go feta molomo ke kafa marara a dirileng dilo ka teng. O ne a supa ka monwana a re nako tsotlhe fa Olebile a tsisa molaetsa ga ba ke ba diragatsa jaaka a boletse. O ne a supa gape gore ele banni ba motse ga ba ikaelele go dira phoso e ba e dirileng ka Botoka ka go letlelela leina la motho yo ba sa mo ithophelang.

Lekoko la lekgamu la ga mothusa Kgosi Ntebele le ne la boela tshwetso ya lone morago mme ba supa fa morafe o ikgatholosa ka fa dilo di tshwanetseng go dirwa ka teng.  Ntebele o ne a re Kgosi Olebile o ne a tshepha gore morafe otla tlotla tshwetso ya marara.

“Ke maswabi ka gore motse wa Radisele o ntse o senyegela pele, ebile fa gonna le dikgotlhang tsa mofuta o, go bua banana bagolo ga ba ke ba kgalema. Ka jalo retla boela tshwetso ya rona morago jaaka le batla mme lo itse gore gotla sokola lona,”a rialo Ntebele.