Naledi

Matlhogotshweu konokono-Khama

Tautona Khama a supa hempe ya ga Sir Seretse Khama
 
Tautona Khama a supa hempe ya ga Sir Seretse Khama

Khama o buile se ka Mosupologo kwa tshimolodisong ya ditshupegetso le metlobo ya ditso tsa goora Domkraga, mo Gaborone.

Mo moletlong o o neng o tshologetswe ke mangwe a matlhogotshweu a Domkraga Dr. Gaositwe Chiepe le Patrick Balopi, matona mangwe a puso le mapalamente, Khama o boletse fa ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe le jwa boeteledipele jwa bo Tautona ba pele Sir Seretse Khama, Sir Ketumile Masire le Dr. Festus Mogae, BDP e netefaditse fa puso ya batho ka batho e tsweletse ka go rena mo Botswana.

A re go tshwarwa ga ditlhopho morago ga dingwaga tse tlhano ke sekao sa mowa puso ya batho e kgabagare e ngokang therisanyo le neelano.

Khama o tsweletse a re ka fa tlase ga puso ya BDP, maamuso a ditswammung tsa lefatshe leno a kgonne go diragatsa ditlhabololo le go tlhabolola Batswana le fa gone go ntse gona le dikgwetlho, tse a reng puso ya gagwe e tla tswelela ka go tla ka methale ya go itebaganya le tsone. O tsweletse a re neelano magareng ga maloko a phathi, e duleng mo bonokopileng jwa boeteledipele jwa matlhogotshweu,, ebile e thusitse mo go hemeng dikgogakgogano tse gantsi di bonwang mo mafatsheng ka bontsi.

Khama o tsweletse ka go bolela fa go busa go se motlhofo mme go tlhoka kelelelo le go baya dikeletso tsa ba busiwa botlhe kwa pele.

A re go mo maruding a boeteledipele jwa gompieno le jwa kamoso go netefatsa fa serodumo sa BDP se se thailweng ke matlhogotshweu se sireletswa.

E ntse ele kwa moletlong oo, Mokwaledi Mogolo wa BDP Botsalo Ntuane o kaile Khama jaaka moeteledipele yo o bonolo e bile a le tsebe ntlha go reetsa dilelo tsa Batswana ka kakaretso. A re le mo pusong, Tautona Khama o ipha nako go sekaseka ditshwetso tse a ka di tsayang mabapi le ditlhabololo tsa mananeo a puso le a phathi tota.

Ya re a tswa la gagwe, Lebutswapele la Domkraga Patrick Balopi a bolela fa gone gole thata go tsamaisa phathi bogologolo, a re ditlamelo di ne di seo mme go rena mowa wa boithaopo le boineelo mo go godiseng phathi.

O gakolotse banana go nonotsha mowa wa neelano mo mererong ya phathi. Meletlo ya ditso tsa BDP e tla tswelela go fitlha kgwedi eno ele masome a mabedi le borataro fa go tlaabo go tshwerwe di therisanyo ka go tla metlhale ga go agela Botswana pele, kwa Mothusa tautona Mokgweetsi Masisi a tla nnang motshwarateu wa dipuisano.