Blogs

Ga se go bipa mpa ka mabele (e a tswelela)

Jalo he, e tlaa re gompieno re e tsweledise, re ntse re itshegeditse ka polelo ele ya bogosi jwa Werda. Go gatela pele, a re boele fa morago fale re re, polelo e ne ya kaya fa Kgosi Keleofile Phihadu, yo nako eno e leng ene kgosi ya Werda, a le gaufi le go tlogela bogosi ka o godile. E re a se fologa, fela jaaka gale, go tshwanele go nna le mongwe go tsena foo, go thiba phatlha ele. Polelo e ne ya supa fa batho bangwe ba le teng, ba ka tshwara maemo ao, mme morafe o ise o dumalane gore, tota mo go bone, go tsene mang. Gone fa, re ne ra utlwa fa Boora Esterhuizen ba re bogosi ke jwa bone, bo ba lebanye.

Lebaka la gore ba bue jalo e le eng? Re ne ra utlwa gore ba re, bogosi bo ba tshwanetse ka jaana leina la bone le kile la busa motse wa Werda. Ga bolelwa fa ka nako eo, go ne go busa Andries Esterhuizen. Go ya ka polelo ele, mafoko a, a tladiwa ke Rre Johannes Vissagie.

Ga twe ene o ne a re Andries o ne a nna kgosi ya Werda mme a tlogela tiro eo Botswana a se na go tsaya boipuso ka gore, jaanong, tiro ya puso e ne e dirwa ka Setswana mme ene a sa itse teme eo, a itse Afrikaans fela. Morago ga gagwe, fa dingwaga di ntse di tlhatlologana, ba bangwe le bone ba nna ba tsena foo. Fa kgang e sale foo, bangwe ka ntlha e nngwe ba bolela fa bogosi bo ka newa Boora Kgokong, kana, Boora Ramokhaneng ka bone ba thibeletse mo Werda pele ga batho botlhe. Jaaka re ne ra utlwa, kgang ya pala, ga se ka ga nna lefoko lepe la tlhomamo la gore, fa e le leina la Esterhuizen, Kgokong le Ramokhaneng, tota setilo se newe lefe. Re ne ra utlwa gape gore, gone fa, ga tswa mogopolo wa gore, fela jaaka go tle go nne go dirwe mo Werda, a le gompieno kgosi e tlhophiwe. Go ya ka polelo, mogopolo wa amogelwa mme kgang ya nna ya se ka ya wela. Ga salela ba ba neng ba romilwe go ya go e reetsa gore ba fetisetse pele megopolo yotlhe e e neng ya ntshiwa foo mme puso ke yone e bone gore kgato go ka tsewa efe.

Fa re ntse re okometse polelo ele, re ne ra utlwa e re, e rile kgang e ntse e tsweletse, mongwe a bua gore, kgang eo, ba ntse ba e bipile mpa ka mabele.

Re ne ra tsena gone fa, ra tlhalosa gore, motho yo a neng a bua, ga a dirisa lenatetshapuo le sentle, o le fapogile. Go tlhalosa kgang ya rona, ra ntsha sekai ra re, go buiwa kgomo mme ka Dikgethe ga a na thipa, o adima thipa mo go Purere go ya go bua. Fa tiro e fela, go na le go busetsa thipa ele kwa go mong wa yone, Dikgethe o iteela ka kgetsi, o a e itseela.

Ka tiro ke eo e dirilwe, e feditswe, Purere o tla kwa go Dikgethe o batla gore a mmusetse thipa ya gagwe. Mme go nna jang? Dikgethe o latola gore o ne a adimile thipa mo go Purere. A re, ene o ne a dirisa thipa ya gagwe, e seng ya ga ope. Nkgaupane, yo o neng a le foo Purere a adima Dikgethe thipa, o ema le Dikgethe a re Dikgethe o ne a sa adima thipa, o ne a dirisa ya gagwe. E le eng Nkgaupane a bua jaana?

Nkgaupane o buelelela Dikgethe fela ka gore ke tsala ya gagwe, o a mmabalela, o a mo sireletsa, Re ne ra re, fa go ntse jaana, ke gone Motswana a tlaa reng motho o bipa mpa ka mabele; o sireletsa yo mongwe fela ka gore, ka tsela nngwe, o amana le ene thata jaanong ga a batle gore motho yoo, a welwe ke kgang, kana, a otlhaelwe molato o a o dirileng. Ka kgang ya ga Dikgethe le Purere, go ka se ke go nne le epe kotlhao mme fa Nkgaupane a ne a sa mmuelelela, a re o ne a sa adima thipa ya ga  Purere, molato o ne o tlaa mo wela, a itsiwe e le legodu, a utswile thipa mo go Purere. Nkgaupane o bipa mpa ka mabele a tshaba sone se.

Go sale foo, maloba re ne ra re, go ntse jaana, Motswana o tlaa tlatsa a re, Nkgaupane o a mpampetsa; e le seane se se reng, “Seboba ke bata sa mokwatla, sa mpa ke a mpampetsa.’ Se raya gore, motho o babalela, o sireletsa, o buelela, wa gaeno mme e bile le bosula jwa gagwe o ka bo bipa, wa bo fitlha. O sele ene, nnyaa, A dira jalo Nkgaupane fela ka Dikgethe ke tsala ya gagwe.

Moko wa kgang ya gompieno ke gore, ka lenatetshapuo la go bipa mpa ka mabele ga le a dirisiwa sentle fa ba re kgang e ntse e bipilwe ka mabele, gone foo, go ka bo go dirisitswe lefe? Lenatetshapuo le le ka bong le dirisitswe fale ke la go gata, go nna, dilo ka marago. Dilo di nniwa (nnwa), di gatiwa, ka marago fa ka mabaka mangwe, batho ba sa batle go bua ka tsone.

Jalo he, yo o neng a bua nako ele, o ka bo a ne a re, ba ntse ba ntse kgang, ba gatile kgang, ka marago. Jaaka re ne ra utlwa, lebaka e le gore ga ba batle mehoholela mo motseng wa bone.