Blogs

Manatetshapuo a diphologolo

Jaaka re setse re bonye, Motswana o itse go kgabisa puo thata. Jalo he, ga re ka ke ra kgona go bua ka manatetshapuo otlhe, fa e se go nna re tlopola fela. Le gompieno re tlaa nne re tlopole mme seroto se nne se sale foo..

Fa re fetela pele, re utlwa Motswana a re go na le go itaya kgomo lonaka. Lenatetshapuo le, le dirisiwa go netefatsa se motho a neng a se bua mme wena ka nako eo, o ne o belaela gore ga se boammaaruri. A re re Mosetli o batla go ya go ga metsi kwa mogobeng wa Letloping. Morwadi o mo raya a re, gore a fitlhele metsi a ise a kgoberiwe ke dikgomo, ke gore a ye go sale moso dikgomo tse dintsi di ise di tle go nwa. Ka o rata boroko, Mosetli o palelwa ke go tsoga; o ya mogobeng bo setse bo sele.

Fa a tsena ka nnete o fitlhela dikgomo di le dintsi, metsi a kgoberegile. Gone mme o gelela fela, a re e tlaa re morago metsi a itsheke. Fa a tsena, Morwadi o mmotsa gore o fitlhetse metsi a ntse jang.

Mosetli ga a ye gope kgakala. O raya Morwadi a re, ‘O iteile kgomo lonaka, ka fitlhela di a dubile.’  Go bua jaana, Mosetli o raya gore, Morwadi o ne a bua nnete fa a ne a re, fa a sa itlhaganele,(ene  Mosetli) o tlaa fitlhela dikgomo di kgoberile metsi. Morwadi a itaya kgomo lonaka, Mosetli a ne a diilwa ke boroko. Motswana gape a re go na le go itaana ka noga e utlwa; e tshela, a raya go tlhoana thata. Nako ele re ne ra bona Tshetsana a palelwa ke go busa madi a a  neng a a adimile mo go Nthepha. Godimo ga go palelwa ke go duela, Tshetsana a buisa Nthepha mafoko a e seng one. Re ne ra re, ka go utlwisiwa botlhoko ke mafoko a, gongwe le fa go ka twe o a rapelwa, Nthepha o ka gana go itshwarela Tshetsana, a mo tshola ka pelo. Fa go nna jaana, letlhoo le tsene. Nthepha o ka tlhoa kana a ila Tshetsana mo le go buisanya ba ka se keng ba tlhole ba buisanya. E re go ntse jaana, go twe batho ba itaana ka noga e tshela; ba tlhoanye thata.

Gape go a tle go twe go na le go anywela phiri. Go a tle go direge gore e re motho a robetse, a kgwe mathe. Ka motho o a bo a thulametse, a sa utlwe se se diregang, a se ke a sutlhe mathe a. Mathe a elele le seledu a omelele. E re ka moso motho a tsoga seledu se bo se le sesweu mme go twe o anywetse phiri. Mathe a, bangwe ba re matsheledi ba bangwe ba re motsheledi.

A tswelele pele Motswana a re go na le go roka ‘itlho (leitlho) la phokoje. Potso e ka nna gore ke eng se se a bong se rokwa itlho la phokoje, le rokwa ka eng, jang. Karabo ke gore, motho ke ene o a bong a rokwa itlho la phokoje, a rokwa ke yo mongwe. E le sekai a re re, re kwa ga Mma Ditshenyegelo, go itisitswe ka ‘keledi tsa motlhotlho’. Fa maitiso a ntse a tsweletse, Moreti o reka emetshane, o e baya mo ntlwaneng e e ka kwa mahuri. Fa tema e ntse e tsweletse, Monwedi  ke yoo o nnela go boaboa ka kwa mahuri. Re tsaya gore, go ya koo, o ya go ema fa matlhakung. Fa a setse a bona gore o itisitse go lekanye, Monwedi o laela gore jaanong ke nako ya go ya go tlhola bana. Re dumalana nae, o a tswa, o a tsamaya.

 Jaanong kwa morago ke nako ya gore rotlhe re phatlalale, re gopole gae. Fa go tla gore a tswe, Moreti o gopola emetshane ya gagwe ka kwa mahuri. O ya koo go ya go e tsaya. Fa a tsena o fitlhela e le gore, emere e e neng e tletse, jaanong ke eo, e kwa tlase. O hakgamala thata, o ipotsa gore go diragetse eng. Ka go tlhoka karabo, o bitsa Mma Ditshenyegelo go mmotsa gore go diregile jang gore emetshane e bo e se na sepe jaana. Botlhe ba a hakgamala.

Fa ba ntse ba ipotsa dipotso, ba gakologelwa mosepele ole wa ga Monwedi go nna a boaboa ka kwa mahuri. Ba lemoga gore, go nna a ema a ya ka kwa, Monwedi o ne a sa ye kwa logoreng, o ne a ya go roka Moreti itlho la phokoje, a mo nwela bojalwa. Jaaka re bona Monwedi a dirile ka Moreti, go roka itllho la phokoje ke go tsietsa yo mongwe ka tsela e e thata go lemogwa. Ela tlhoko ba se go roke itlho la phokoje. motshwanes@yahoo.com