Naledi

Bakgatla ba ipelela Dikgafela

Borre ba mophato ba natifisa moleto wa Dikgafela
 
Borre ba mophato ba natifisa moleto wa Dikgafela

Thotloetso e dirilwe ke Mothusatona ya Lephata la Temothuo, Kgotla Autlwetse kwa moletlong wa dikgafela kwa Moshupa ka Labotlhano. Autlwetse o boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba rata ngwao le ditso tsa yone, a re ke sone seo a bonang go le botlhokwa gore morafe mongwe le mongwe o leke bojotlhe go somarela tlholego ya one. O rile Bakgatla ba ga Mmanaana ba na le ditso tse dintsi tse ba tshwanetseng go di itsise merafe e mengwe ya Botswana.

Autlwetse o tlhalositse fa dikgafela ele meletlo e merafe ya Botswana e tswang kgakala le yone, gape dikgafela di direlwa go leboga pula, go supa se se neng se lemilwe le go robiwa ka nako ya temo. A re Batswana ke batho ba ba tlotlang magosi, badimo le Modimo thata. A re ke sone seo ba bonang botlhokwa jwa gore morago ga thobo ba ise malebogo kwa magosing a bone ka ba dumela fa e le one a ba golaganyang le badimo le Modimo.

Mothusatona o ne a re gobo Bakgatla ba Moshupa ba santse ba tshwere ngwao e ya go isa dikgafela kwa kgosing, ke sesupo gore ba santse ba tshegeditse ngwao le ditso tsa bone tsa bogologolo.  Autlwetse o ne gape a leboga le go akgolela Bakgatla go tlotla kgosi ya bone. Mme a re seo se supa fa gona le tirisanyo mmogo fa gare ga bogosi le morafe.

Fa a bua ka temothuo, Autlwetse o ne a gakolola morafe go boela mo yone ka dipalo tse dintsi. O bile a ba kgothatsa go dirisa mekgwa o mesha ya go lema le go rua ka e ka ba thusa go bona thobo le leruo tse di itumedisang.

Kgosi ya Bakgatla, Oscar Mosielele, o boletse fa morafe wa gagwe o tswa kgakala le dikgafela.  O lebogile morafe wa gagwe go bo o tsweletse ka go di tsena ka dipalo tse dintsi. O ne a kopa Bakgatla go ikgata motlhala go ya kwa masimong go lema ka tlhwaafalo gore ngwaga e e tlang dikgafela di boele kgosing gape, di oketsegile.

Moletlo o ne o tsenwe ke bagolo ba puso, ditlhopha go tswa kwa dikgaolong tse dingwe, le Mothusa tautona, yo gape eleng Mopalamente wa kgaolo, Mokgweetsi Masisi.