Blogs

Manatetshapuo a a tswelela

Fa a roba, a bona kgetsi di le some tsa mabele, di le tlhano tsa dinawa, fa mmidi one a ne a itswela fela. 

Ra tswelela ka gore, le fa a bonye thobo e e kwa tlase go feta jaaka gale, Mhetlhi ga a ke a galale.

E tlaa re a bua ka thobo e a re, ga a bona sepe mme bana ba tlaa bona go oba lebogo; a re ba tlaa dika ba obile lebogo. Ke gore, le fa go se gontsi, bana ga ba ke ba lale le tlala, ba tlaa bona se ba se jang. A bue jalo Motswana e le go lebogela lemme le a le filweng.

A fetele pele Motswana a re, go na le go loma ka meno. Gongwe ngwana mongwe o ka botsa gore, ka go lomiwa ka meno, fa motho a sa lome ka meno o ka loma ka eng.

Ee, go ntse jalo motho o loma ka meno; dilo tse dingwe le tsone di loma ka meno.  Go ntse go ntse jalo, fa Motswana a re motho o loma ka meno, kana o lomile ka meno, o a bo a bapisa puo, a e natefisa, a raya gore motho yoo, o imelwa ke tiro ka o dira a le nosi, ga a na yo o mo thusang; ga a na mothusi. 

A re boele kwa Letloping re re, Morwadi o kwa tshimong o a roba. O tlhola koo letsatsi lotlhe. Fa le phirima, o digela tema, o boela gae.

Fa a tsena koo, ga go na metsi, ga go na dikgong, ga go sepe se a ka se jang. Morwadi o a tswa o ya nokeng. Fa a tswa koo, o ya go batla dikgong go feta a gotsa a bo a apaya.

Morago ga go ja, o tswelela le tse dingwe ditiro go fitlhelela a ya go robala. O robala ka letsapa le legolo ka o sale a tlhola a eme, a dira a le nosi.

Fa go ntse jaana, ke gone Motswana a re motho o lomile ka meno. Re bo re ka bua jalo ra re, Morwadi o lomile ka meno ka jaana ke yoo, re bona a tlhotse a eme, a dira/bereka a le nosi, go se ope go mo thusa.

A re lemoge gore, jaaka re bona ka Morwadi,  motho o ka loma ka meno ka o nosi mo lwapeng, kgotsa mo tirong nngwe fela, ga a na ope yo o mo thusang. 

Go ntse go ntse jalo, motho o ka loma ka meno mme e se gore o nosi. A na le batho mme batho ba, ba sa ikutlwe go ema ba dira sepe.

E re ba tshwanetse go thusa e nne diipato fela. Motho a re o a lwala; tlhogo e a opa, mala a a sega, mokwatla o a thunya. Go nne gontsi mme tota e se ga boammaaruri, e le fela motho go tshaba tiro.

Le lengwe lenatetshapuo le re go sekegela tsebe. Nako ele re ne ra utlwa Naledi a re, ka o na le tiro e ntsi, ga a ke a kgone go ya phuthegong e e neng e biditswe kwa ga Kobokwe.

Mmualebe ene a bua gore, le fa tiro e le ntsi, o tlaa ya phuthego eo, ka o batla go ya go itseela ka tsebe.

A raya gore o batla go ya go itheeletsa, go ikutlwela ka ya gagwe tsebe, e seng go bolelelwa. Jaanong gompieno re kopana le go sekegela tsebe. Gone go raya eng?

Go araba potso e, a re re Mheti o batla go golega a isa bana gae mme dipholo tsa gagwe di a tlhaela. Tse pedi di dikile di timetse.

Ka o a tlhaelelwa, o ya kwa go Mhudi go ya go adima gore a tlatse sepane. Fa a rola kopo ya gagwe, o fitlhela Mhudi le ene a batla go golega, a ya motlhabeng go ya go tsaya bojang koo.  Kgang e nna thata ka Mhudi o batla go ya go tsaya bojang a tla go tsosa matlo pula e ise e tle.

Ka ntlha e nngwe, Mheti le ene o batla go itlhaganelela go isa bana gae a bo a boela ditiro tse dingwe mo Letloping. Mheti o khutsa ka lengole, a solofetsa gore o tlaa itlhaganela, a boe ka pela kwa gae. Go utlwa ka fa Mheti a lelang ka teng, Mhudi o felela a mo sekegela tsebe, a mo adima dipholo.

Re tlaa bona gore, go sekegela tsebe go raya go reetsa motho, o bo o dira kana o mo naya se a se lopang, e seng gore a lope lefela. A ba se lope lefela; ba sekegele tsebe. motshwanes@yahoo.com