Blogs

Ga re tlhoe tsebe

Go twe ba re motse wa bone ga o na ditsela, kgotsa, di teng mme ga di tlhokomelwe, di dikhuti, mo e reng ka nako ya pula di fetoge matamo le megobe; jalo, go nne thata go tsamaya mo go tsone.

Gompieno re utlwa fa kwa Hukuntsi, kwa Kgalagadi Bokone, selelo e le se sele, e se sa gale. Ga re itse gore seemo se ntse jang mme re utlwa fa koo, morafe o sa lele ka dilo tsa gale jaaka metsi. Ga twe koo, selelo ke ka lebala la difofane le morafe o saleng o kopile gore le hudusiwe mme go ise go nne jalo, le sa ntse le ntse le le foo. Go utlwala fa selelo se se dule ngogola ka kgwedi ya Ngwanatsele fa mokwaledi mogolo wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsanyo a ne a tshwere phuthego ya kgotla gone kwa Hukuntsi.

Potso e ka nna gore, lebala le, le hudusiwa ka lefe; ke gore, ka lebaka lefe, kgotsa, ke eng le tshwanetse go huduga? Go bolelwa fa lebala le, le le fa gare ga motse. Le le foo, le kgoreletsa batho jang mo ba ka batlang gore le hudusiwe? Ga twe, mongwe gone kwa phuthegong ele, o ne a bolela fa lebala le, le dirisiwa e le tsela e khutshwane go kgabaganya motse, go tswa ka ntlha eno, go ya ka kwa go ele. Mo go raya gore, go bo go le diphatsa gore lebala leo, le tswelele le dirisiwa ke batho e le tsela, mme gape e le lefelo la bogorelo le boemelelo jwa difofane. Nako nngwe, go bo go ka direga gore, e re motho a feta foo, sefofane se bo se setse se le gaufi, se goroga, kana, se emelela mme go tloge go direge di sele, go nne kutlobotlhoko e kgolo. Jaanong mogopolo wa morafe wa Hukuntsi ke gore, go tila tiragalo ya go nna jaana, lebala le, le tswe fa gare ga motse.

Go sale foo, selelo gape ke gore, lebala le, le lefifi, ga le na dipone. Se, se bo se raya gore, fa go le bosigo, ga le ka ke la dirisiwa. Bakgweetsi ba difofane, le batho fela, ba ka bona sentle jang go le lefifi? Go nna thata. Go ntse jaana, re utlwa fa Mme Tsholofelo Gaole, a ne a kaya gore, fa go ka nna le seemo sa tshoganyetso, ga  tla gore molwetse a hehosediwe kwa kokelong e kgolwane bosigo ka sefofane, go tla nna thata ka go tlaa bo go se na dipone, go le lefifi. Go nne go se ke go nne monate. Go ya ka polelo, a nna a tswelela Mme Gaole a re, lebala leo, ga le itumedise ka ga le tlhokomelwe. Polelo ga e tlhalose gore go tlhokomela mo ke gofe, mme re dumela gore o raya gore lebala le tikologo ya lone di leswe. Ga go feelwe, ga go olwe matlakala, ga go dirwe sepe fela foo se se ka jesang leitlho monate.

Jaanong, mongwe o ka botsa gore, ka e a re bana ba lela, selelo sa bone se kgaodiwe, ba arabiwe, Rre Ebineng, o ne a araba selelo sele jang. Polelo e supa fa karabo ya ga Rre Ebineng e nametsa pelo mme fela go na le dilo dingwe tse di ememng tiro ele pele, di e emisitse fela foo. Dilo tseo e le dife?

Ga twe Rre Ebineng o boletse fa mogopolo wa go hudusa lebala o sale teng mme fela, tiro eo e sa tsena mo lenaneong la ditlhabololo. A bolela gape gore, lekalana la difofane, Civil Aviation Authority of Botswana (CAAB) le ikaelela go aga lebala la maemo a a kwa godimo le ka lomaganngwa le boranyane jo bo laolang difofane tsa mafatshe a mangwe. Lebaka le lengwe le bolelwa e le go leka go lwantsha borukutlhi mono gae. Ga twe Rre Ebineng a re, go na le batho bangwe ba ba tlang mono ba se na teseletso mme ba felele ba dira ditiro dingwe tse di bosula; tsa borukutlhi, mo mabaleng a a se nang boranyane jwa taolo mesepele ya difofane. Godimo ga tse tsotlhe, ga bolelwa fa madi e le one a leng thata ka a batlega a le mantsi.

Polelo ele e supa gore selelo ya se ka ya nna sa lebala fela. Ga twe mongwe a bua gore ba sale ba letile go lekodisiwa ka go tshelwa sekonotere ga tsela ya Lokgwabe -Mabuasehube, le ya  Hukuntsi- Ncojane. Go a bonala ba sale ba letile mme ga ba ise ba arabiwe. Polelo ya  lebala la difofane kwa Hukuntsi re e tlelwa ke Dikgang (Daily News).

Fa e bua ka fa go neng go buiwa ka teng ka go tshelwa sekonotere ga ditsela tsele, Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 23 2018 ya re;

‘…..o ne a itsise mokwaledi gore, sale ba tlhoile tsebe ka tekodiso ya go tshelelwa sekonotere mo ditseleng…...’

Ke eo kgang. Ga twe ba tlhoile tsebe. Potso ke gore a lefoko ‘tlhoile’ le dirisitswe sentle? A re tlhoa tsebe?  Pele ga re ka araba potso e, a re botse gore go tlhoa go raya eng? Go tlhoa go raya go ila; o ila selo fa o sa se rate. O ile motho fa o sa mo rate, o re o mo tlhoile. A jaanong motho o ka re o tlhoile tsebe? A sa e rate molato e le eng? Nnyaa, ga re tlhoe tsebe. Re tlhwaya tsebe, re raya gore, re reetsa thata. Jaanong polelo e tshwanetse gore e re, ‘ba sale ba tlhwaile tsebe….’  e raya gore ba sale ba letile, ba reeditse, go utlwa karabo mme ga e yo.