Blogs

A re kgaoganye

Ba tswelele ba re, ka ngwao ke boswa, e tshwanetse go babalelwa, ya somarelwa, gore e tle e fitlhelwe le ke dikokomane tse di tlang. Bangwe ba re, ka ke eo e lebega e nyelela, re tshwanetse ra leka ka thata go e tsosolosa. Jalo he, malatsi ano, re a tle re bone go tshwerwe meletlo ya go leka go tsosa ngwao. Ka merafe ya Batswana e farologanye, meletlo e tshwarwe mo mafelong a a farologanyeng go ya ka merafe eo.

E re bangwe ba tshwere Dithubaruba, e le moletlo wa ngwao, ba bangwe ba tshware o mongwe fale mme ba o bitse ka leina le sele la morafe wa bone.. Ba bangwe ba dire Dikgafela fa bangwe fale bone ba bolotsa bojale le bogwera. Godimo ga moo, go nne le mmino o o farologanyeng, e ntse e le go ya ka merafe ya Setswana. Mongwe go twe ke Borankana, Phathisi, Polka, mongwe o bidiwe ka leina la morafe oo,  go twe ke wa Sebirwa, kana, wa Sekalaka. Go ntse go ntse jalo, go nne le mmino mongwe o itiretswe ke setlhpha sengwe, kgotsa, ke motho mongwe, a le nosi fela foo, mogopolo e ntse e le go leka go somarela ngwao.

Re utlwa fa mongwe wa batho ba go nna jalo, e le Rre Mosimanegape Matlho yo o itsegeng thata ka leina la Sua Pan. Ga twe Sua Pan o bolela fa a tswa kgakala le pina kana koma e bile e  le yone e mo dirileng se a leng sone. A bolela a tswa kgakala le pina jaana, o e bonetse kae? O bolelwa a e bonetse mo lelwapeng la bone, ka ke lelwapa la koma. Go bonala gore, ka mutlwa wa noko o tlhabela bonyaneng, ntsanyana ya maitaya sebatana yone e bonwa mabotobotong, ya re gone foo, a tshwara, a tshwarela ruri Sua Pan. Mme a tswelela jang? Re utlwa gore, e rile jaanong a tiisa, a tlhwaafala, a itshwaraganya le setlhopha sa Mogwana Traditional Troupe. Fa a le koo, a bo a sa tsamaela maoto go ruruga. Ke gore, a sa tsamaela lefela, a sa tsamaya mosepele o o tlaa se keng o mo thuse ka sepe. Go ya ka polelo ele, a godisa talente ya gagwe. A le gone koo, a tlola melelwane, a ya go diragatsa kwa mafatsheng a sele, mangwe a one e le Ivory Coast, Ghana, le Britain Ka tsela eo, sa mo tlhatlosa setlhopha sa Mogwana.

Setswana sa re, ‘Ngwana wa mmelegelwa ruri ga a tsamaye.’ Se raya gore, fa ngwana a sa rutwe, a sa ithute, go itirela, e tlaa re ka moso batsadi ba kgaoganye nae, go nne thata gore a itirele. Go a bonala Sua Pan a lemoga gore Mogwana Traditional Troupe e mmelege mme ga e ka ke ya mmelega botshelo jwa gagwe jotlhe. Go ya ka polelo, ka ngwaga wa 2011, a tlogela Mogwana, a ema fale a le nosi. Ga nna jang? Re utlwa gore, a nna a gatela pele. Ya re ka 2016, a gatisa alebamo ya gagwe ya ntlha e a neng a e bitsa Pipimpi Madala. E a re fa leina le bidiwa le bo le raya sengwe. Le, la Pipimpi, ga go tlhalosiwe gore le raya eng. Morago ga Pipimpi ga tla e nngwe yone e bidiwa Sua Pan Individual Brilliance-Tshwaro. Gore leina le, le raya eng go ntse ga go tlhalosiwe. Fela ga twe, molaetsa wa dipina tsa lone ke wa lorato fa gare ga monna le mosadi le batho botlhe fela. E nne molaetsa o o monate.

Jaaka gale, re ntse re ikamile Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo e ka Sua Pan mo go yone.Fa e bua ka fa Sua Pan a reng o ne a tla a ntse a gola le pina ka teng, Dikgang (Daily News)Ngwanatsele 15 2018 ya re;

‘Go goleng game ntate o ne a mpitsa Matswaitswai mme nna ……’  Fa re tswelela le polelo, fa tlase fale, re bone seele se se reng;

‘Maikaelelo ame ke go …..’

Leba ka kelotlhoko mme fa godimo fa, o tlaa bona lefoko ‘game’ le ‘ame.’ Kgang ya rona gompieno ke go supa gore mafoko a mabedi a, ga a a kwala sentle. Re re, ga se la ntlha re bona phoso e. Re kile ra e bona nako nngwe mme ra re, mafoko a, fa a kwadilwe jaaka a kwadilwe jaana, ga a kwalwa sentle ka a kwadilwe e le maina. Nako ele, re ne ra re, phoso e dirwa ke gore go tshwaragantswe mafoko a a ka bong a kgaoganye, a sa tshwaragana. Mme go ntse go ntse jalo. Go kwala sentle ke gore mafoko a, a kgaoganngwe go twe ‘Go goleng ga me…., ‘Maikaelelo a me…..’

Fa ba ruta Setswana ba tlaa re, lefoko ‘ga’ le ‘a’ ke magokedi, fa ‘me’ lone e le lerui. Ba re, jalo he, mafoko a, a tshwanetse go kgaogana le ‘me’ yo ene e leng lerui, a supa gore selo se ruilwe ke mang, ke sa ga mang, Go raya gore, ka nako tsotlhe, magokedi a tshwanetse go kgaoganngwa le mafoko a mangwe. E ntse e le nako ele, re ne ra re, fa re re, ‘lame, game, same, wame, le a mangwe fela jalo, ga re kwale sentle ka go kwala jalo re kwala maina.’ Go kwala sentle a re kgaoganye legokedi le lerui re re, ‘la me, (legapu) ga me,(golonyana) sa me, (selepe) wa me, (ngwana), jalo, jalo, fela.