Naledi

Mabaka a go tenega � Kgaolo 1

A re simololeng puisanyo ka go lemoga fa kitso e le botlhokwa mo matshelong a rona, go sa kgathelesege gore a re iteilwe letsogo kana nnyaa. Re tshwanetse ra sola kitso molemo. Go dira jalo go ka re thusa go fema dilo dingwe tse di ka tsenyang matshelo a rona mo diphatseng.

Beke eno re bua ka mabaka a go tenega aa ka re tsenyang mo diphatseng tsa go kubugelwa ke maikutlo a a kopaneng kana stress ka sekgoa. Mme gone stress ke eng? Karabo e motlhofo. Stress ke maikutlo a a kukegileng kana a tlhakatlhakane.

Baitsaanape ba atle bare gona le maikutlo a a molemo le a kutlobotlhoko. Pharologano ya one ke gore maikutlo a a molemo ke a a bakwang ke go itumela thata mo motho a felelang a dira diphoso. Diphoso tsa seemo se e ka nna go itebala le go sa gakologelweng go itshireletsa mo mogareng wa HIV.

Maikutlo a aseng molemo ke a tiragalo ya go utlwalela loso ka tshoganetso, tota le fa motho a kile a lwala. E ka nna gape go bolelelwa maduo a go fitlhelwa ka mogare wa HIV kana bolwetse bope fela jo bo sa alafesegeng.

Jaanong betsho, mabaka a go tenega a tsena fa kae mo kgannyeng e? Bontsi jwa rona re ne ra tshoganyediwa ke go bolelelwa fa rena le mogare wa HIV mme ra rulaganyediwa lenaneo la tshidilo maikutlo gammogo le ba malwapa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe re ne ra seka ra bona thuso e e kalo mme ra felela rele fa gare ga naka tsa nare, re sa kgone go amogela diemo tsa rona.

Bangwe re feletse re ikotlhaya re ipotsa gore tota mogare o re amile ka tsela e e ntseng jang. Ee! Bangwe o re amile ka ditiragalo tsa go phorwaphorwa kana petelelo. Ditlamorago tsa se ke go nna le lekgobo kana lebadi la tiragalo e e go diragaletseng mme go nne thata go falola mo maikutlong a go tshwana le a seemo se. Go tlhoka kemonokeng ka bonana le go goleng ga rona le gone go rotloetsa seemo se sa go sa ikamogela fa re diragaletswe ke seemo se.

Nako e etlang re tlaa fa dikai tse di ka dirang gore motho a felele a ineela mo seemo sa go tenega. Se se bakwa ke go ineela mo seemong sa kutlobotlhoko. Re tlaabo re supa ka fa mogare o ka go bifelang ka teng fa o le mo seemong se, mo mokwalong oo latelang.