Blogs

Manatetshapuo a dikarolo tse dingwe

E a re a natetsha/natefisa Setwana, Motswana a re, go na le go baba lonao; a re motho o baba lonao.  E le eng motho a baba lonao?  Motho go a twe o baba lonao fa e le motho yo o tsamayang bobe.  Batho bangwe ga ba ikutlwe go tlhola mo gae.

Ba utlwane thata le go tlhola ba tsamaya le motse otlhe, go twe go tlholwa ditsala. Motho a tswe fa, a tsene fale, a tswe foo, a tsene fale, a tswe foo, a tsene fa gongwe gape. E tlhole e le yone tiro ya letsatsi lotlhe.  Motho e le Tshetsana a tswe, a re o etela Nthepha.  A tswe fa go Nthepha, a fetele pele, a ye kwa go Monei.

E re a tswa kwa go Monei, a nne a fetele pele, a ye go tlhola yo mongwe gape.  Le bo le tle le phirime motho a ntse a ya le motse.  E re fa a boela gae, nnyaa, e bo e le go isa boroko fela.

Motho wa go nna jaana, go twe o baba lonao.  Go twe fa a ntse fela, lonao lo a baba lwa re a eme a tsamaye.  A dire jalo, a eme a tsamaye, a ye go tlhola koo.

Mo godimo ga go baba lonao, go na le go apaya ka lonao, gone go raya go tsamaya le motse, kana le malwapa, motho a batla fa go jewang teng.

Motho wa go nna jaana, ke yo o setshwakga, yo o palelwang ke go ikapeela.  Fa godimo fale, re bona Tshetsana a tlhola a tsamaya le motse a re o tlhola ditsala.  Go a tle go direge jalo, motho a tlhole a tsamaya, a bona ditsala le go tsaya dikgang, go itlosa bodutu.

Go ntse go ntse jalo, motho o ka tlhola a ile le motse, tota e se go tlhola ditsala, e le gore kwa ga gagwe, o palelwa ke go ikapeela. Boemong jwa go apaya, a ikanye go tlhola a tlhotlhoma le motse, a batla fa a ka jang teng.  Tshetsana o ka tsena fa go Nthepha mme a fitlhela go se na dijo.  Ka ga go jewe, a sulafalelwe, a fetele fa pele.

E re a tsena fa go Monei, a fitlhele go jewa. Ka o batla dijo, a natefelelwe, a thibelele foo. Se, e nne tiro ya tsatsi le letsatsi.  A tswe fa, a tsene fale, a tswe foo a tsene fa gongwe gape. Ka tota o palelwa ke go itlhomela potwane mo isong, go apaya ga gagwe e nne gore, a tswe ka kgoro, a ye le motse.

Le lengwe lenatetshapuo le re, go itseela ka tsebe.  O bo o ka botsa gore, tsebe e tsaya jang, Karabo ke gore, tsebe e tsaya ka go reetsa.  A re beye sekai re re, go biditswe phuthego kwa ga Kobokwe, ya kgang ele ya go jesa batho phepheng.

Mmualebe o laletsa Naledi gore ba tsamaye mmogo ba ye koo.  Mme Naledi a re, ga a kgone go tsamaya, ka o na le tiro e ntsi, e a batlang go e wetsa letsatsi le ise le phirime.

Mmualebe o fetola ka gore, ene le fa gone a na le tiro e ntsi, o tlaa ya phuthego eo, ka o batla go itseela ka tsebe.  Ke gore, o batla go ya go itheeletsa se se tlaa bong se buiwa koo. Ga a batle go bolelelwa kgotsa go utlwa ka ba bangwe; o batla go ikutlwela (go itseela) ka ya gagwe tsebe.

Fa go ntse go tsweletse, re utlwe Setswana se re go na le go oba lebogo/letsogo. Gantsi lenatetshapuo le, le dirisiwa fa go buiwa ka dijo, mme e se dijo tse dintsi. A re beye sekai re re Mhetlhi o dikile a lemile. Ka go ne go le leuba, go se na pula, dijwalo tsa gagwe tsa babalelwa ke letsatsi tsa a swa.

Fa a setse a roba, a bona kgetsi tsa mabele di le some, tsa dinawa di le tlhano, mmidi one le fa e le.

A bona fa a sa roba sepe ka gore ka gale, o bona thobo e ntsi thata. Ka lemme ga le bolaye, e ka re fa Mhetlhi a bua ka thobo ya gagwe a re, ga a bona sepe, mme fela bana ba tlaa oba lebogo/letsogo; ba tlaa dika ba obile lebogo.

O tlaa bo a raya gore, thobo ga se ya sepe, mme fela bana ba tlaa dika ba na le se ba se jang; ga ba ke ba wele mo isong.  A ikgomotse jalo Motswana.  motshwanes@yahoo.com