Blogs

A re bue jaaka Pesalema

Dingwe di dirwe fela le fa go se na sepe sa go phimola mohuhutso wa phatlha. Mme ka ke tiro ya  go ithaopa, e batle motho yo o boineelo, lorato, le pelotelele. Nngwe ya ditiro tse e bolelwa e le ya boloko jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (Village Development Committees/VDCs)

Gompieno re utlwa fa mongwe wa maloko a dikomiti tse, e le Mme Antoinette Podile mme ene e le modulasetilo wa komiti eo kwa Tlokweng. Ba a tle ba re, motho, jaaka kgomo, o na le motlhala. Ba re, fa motlhala wa kgomo o bonwa fa fatshe, fa e gatileng teng, wa motho one o bonwa ka se e reng adana minibüs transferleri a sa tshedile, a se dire, e ka nna ditiro tse dintle, kgotsa, tse di maswe. Mongwe o ka botsa gore, wa ga Mme Podile motlhala one ke ofe, o simologa kae? Polelo ele ya re, Mme Podile o simolotse go direla lefatshe leno e le morutabana. Dingwaga tsa tlhatlologana a ntse a dira tiro eo. Fa di ntse di feta, a bona fa ya gagwe tema a e weditse mme a tlogela tiro ka bogodi.

Yo mongwe ene e ka re a tlogetse jalo, a phutha mabogo, a nna fatshe, a re jaanong ke nako ya gore a itshidile dingalo tsa tiro ele. Re utlwa fa go ne ga se ka ga nna jalo ka Mme Podile ka gore e ne ya re go ise go ye kgakala, ka ngwaga wa 2004, a nna leloko la Komiti ya Ditlhabolo ya Tlokweng a ne a tlogetse tiro ka 1999. Ga twe go ne go dirwa jaana ka go ne go lemogwa fa Mme Podile o tlwaetse go bua le batho a tlwaeditswe ke tiro ya gagwe ya borutabana. Re tlaa re, go dira jaana, e ne e le go akgola tiro e ya borutabana. Mme Podile a se ka a felela fela ka go nna leloko la komiti e tona. Polelo e re, gone foo, a bo a bile a tlhophiwa modulasetilo wa kgotla ya Sefoke mo Tlokweng.

Go ya ka polelo, kgotla e, e ne e lebelwa kwa tlase mo motseng otlhe wa Tlokweng ka e ne e tletse borukutlhi ka mehuta. Go le bogodu, dipolaano, le go dirisa dino botlhaswa.  Go bona go ntse jaana, a ema, a e lwa ntwa Mme Podile. A lwa e e ntseng jang; ya digai le dilepe? Nnyaa, e seng eo.  Ga twe a re o ne a ema a tsena ntlo le ntlwana, a bua le batho ka dilo tse di bosula tse di neng di dirwa mo kgotleng eo. Godimo ga moo, a tshwara diphuthego a ruta batho go gata tseleng tsa tshiamo. Mme ga nna jang? Go bonala fa tiro ya ga Mme Podile e ne ya se ka ya nna matsapa a lefela, morafe le one wa se ka wa tsaya fela ka tsebe. Wa reetsa, wa wela tseleng tsa tshiamo ka jaanong kgotla e ya Sefoke e bolelwa e fetogile, e sa tlhole e itsiwe ka tsele tsa maloba.

A dira jalo Mme Podile mme bonatla le boineelo jwa gagwe tsa lemogwa, tsa itumelelwa, ya re ka 2008 a tlhophiwa modulasetilo wa komiti e tona ya Ditlhabololo tsa Motse wa Tlokweng. Re tlaa re e, e ne e le tiro ya go ka iteelwa mogolokwane le go opelwa legofi; ke gore tiro e ntle thata. Fela adana transferleri ga twe, fa a bua ka go phimola mohuhutso wa phatla, ke gore, go duela maloko a dikomiti tseo, a re o kwa tlase mme se, se dire gore bangwe ba tlogele tiro eo, ba ye go batla golo gongwe kwa go botoka. A tswelele a re, fa puso e ne e ka thusa, ya tlhatlosa dituelo tseo, ba le bantsi ba ne ba ka tlhagafalela tiro e.

Re ntse ga re gope, re okometse Dikgang (Daily News). mme re fitlhela polelo e ya tiro ya ga Mme Podile mo go yone. Fa e bega ka fa Mme Podile a neng a bua ka teng ka dituelo tsa maloko a dikomiti tsa VDC, Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 15 2018 ya re;

‘….ka jaana maloko a bona lemme le le kanang ka……mo kgweding, bangwe ba felela ba …..ya go batla mafulo a matlalana……’

Lefoko ke leo la re, ‘ matlalana, mafulo a matlalana.’ Kgang ya rona gompieno ke go supa gore lefoko le ga se Setswana sa tlhomamo; ke gore Setswana ga se na nalo. E le eng re bua jalo? Go araba potso e, a re botse gore dikgomo le diphologolo tse dingwe di hula eng?

Dilo tse di hula bojang. bangwe ba re, tlhaga. Mme ka mmala bojang le tlhaga di ntse  jang, di mmala ofe? Tsotlhe di ditala. Fa bojang bo sa ntse bo le bonnye, bo ise bo gole, bo adana havalimanı transferleri omelele, kana, bo tlhajwe ke phefo, go twe bo lereme, bo botalana, mme bo nne monate thata mo ganong la kgomo.

E re di ile go hula, go twe di ile go ja jo botalana. Jaanong fa re bua ka mahulo, a re gakologelwe gore, re bua ka selo sa mmala o motala, e seng o motlala. Fela jalo, a e re re bua ka mahulo a manana, a a monate, re bue jaaka Pesalema 23 e e reng,’…..mahulong a matalana.’ A re re, ke mahulo a matalana, e seng a matlalana. Seo, e nne sone Setswana tota