Naledi

Madirelo a HINO kwa Maun

Madirelo aa diteraka tsa HINO fa ele gore a tlaa tsaya seemo sa a Hyundai aa neng a le mo Gaborone, a tsile go tlhamela Batswana makgolokgolo a ditiro. Fa tsotlhe tse di tlhokegang di ka dirwa jaaka re solofela, Batswana ba dikgaolo tsa bokone Bophirima ja Botswana ba ka felela ba rotse mokgweleo wa itsholelo ee kgautlhantsweng ke matlhoko a leruo le diphologolo tsa naga tse di senyang dijwalo, thobo, leruo mo masimong le merakeng. Ke maiteko aa tshwanelwang ke kakgolo gobo madirelo a selebo seo a isitswe kwa lefelong le le kgakala le ditoropo le metse e metona.

Le fa re itumelela tshimolodiso ya madirelo a HINO, re lemoga fa Batswana ba santse ba baba lebadi ka a Hyundai aa ileng a tswalwa mme a latlhela Batswana ba le bantsi mo mebileng le khumanegong. Re solofela ebile re kopa gore botlhe ba ba amegang mo tshimolodisong ya madirelo a ba bo ba tlhomamisitse gore diphoso tse di diragetseng ka kompone ya Hyundai di seka tsa boela. Re kopa gape kompone ya HINO le puso go tlhomamisa gore madirelo a gaa kgotlele tikologo mo go yone ntlokgolo ya bojanala ja Botswana, Maun. Fa go ka seke go elwe se thoko Batswana ba ka re isago ba bo ba itshwere melomo bojanala ja kgaolo ya bokone bophirima bo ile le phefo.