Naledi

Xwiisetee - Motlhabeletsi wa tlhwatlhwa

Xwiisetee
 
Xwiisetee

Ka motlha mongwe batsadi bangwe ba letso la Sesarwa mo kgaolong ya Boteti, ba ne ba iketlile ka fa tlase ga moriti wa setlhare morago ga go tsoma maungo le digwere tsa naga. Bana ba bone ba ne ba tsositse modumo ba raloka jaaka diphotsana.

Ya re fa bana ba ntse ba ja mokaragana jalo, mongwe wa bone a huporolola seatla sa gagwe mme a se kotama ka bomo. Ya re fa a ntse a se kotame jalo a ntsha mowa ka marago. Gatwe bana ba bangwe ba ne ba ingata ka ditshego. Mme ba simolola go ikgatlha ka ene ba mo goelela ka Sesarwa bare, “Tshauwasii-tshauwasii…!” ba raya gore o ntsheditse  mowa mo seatleng.

Batsadi ba ne ba kgatlhwa ke tiragalo eo mme go fitlha jaanong lefelo leo le bidiwa Tshauwasii. Ka Setswana go a bo gotwe go ntshetsa mowa mo seatleng.

Ke gone kwa go tsholetsweng mosadimogolo Xwiisetee. Fa o reeditse Xwiisetee a tlhabeletsa pina ka teme ya Sesarwa, o ka rothisa keledi ele ruri.

Lentswe la gagwe ke la papalagae mo ebile o ka lebang ka ‘itlho le le mosoka’ gore a ruri le tswa mo mothong yo o setseng a atumetse phirimane ya botshelo jwa gagwe.

Ke ngwana wa maitibolo mo baneng ba le batlhano ba ga Mme Xeejera le Rre Tshatshakwae, ba botlhe e neng e le Basarwa. Xwiisetee o na le bana ba le 8 le banababana ba le 17 le dikokomane tse 8.

 

Le fa gone a ise a tsene sekole, fela o tlhogo phefo mo kitsong ka ga tsamaiso le mekgwa ya segagabo ya Sesarwa sa Seshuakhwe. Mo go tlhameng pina a bo a e tlhabeletsa ga go ingwaelwe matsetse mo go ene.

Ka gotwe mmamotse o bonwa mmantlwaneng, a re o sale a itshupa gore ke moopedi wa tlhwatlhwa a sale mmotlana. A re o ne a nna ka go opelela batsadi ba gagwe dipinanyana tse a neng  a di itlhamela. Mme go opela ya nna talente e kgolo e a e akotseng mo botshelong jwa gagwe go fitlha jaanong.

“E ne ere fa batsadi ba tswa go bolaya phologolo, ke bo ke phadimoga ke tlhama pinanyana ya boitumelo go amogela nama. Mme bommati le bagolo ba ntshale morago go nthotloetsa”, a tlhalosa jalo.

Xwiisetee, yo jaanong a nnang kwa Mapete, o setse a sugile banana ba le bantsi ka kopelo. Are ene le bommati ba kile ba opelela dikgosi dingwe tsa Bangwato fa di ne di etetse mo Boteti motlha mongwe bogologolo. Mme tebogo ya nna go tshwarwa ke magosi ka mabogo mme le bone ba itumelela seo thata.

A re botshelo jwa kopelo bo monate mme ebile o tla swa a bo tlamparetse. Xwiisetee o na le ngwanaangwana yo o mo goditseng yo eleng moithuti kwa sekoleng se segolo sa Letlhakane Senior (LSS). O bidiwa Dedeye. Le ene jaaka nkukuagwe, ke motlhabeletsi wa setlhopha sa koo sa mmino wa tsutsube.

Xwiisetee a re gantsi o tlhama dipina tsa gagwe a lebile ditiragalo tsa botshelo go fa melaetsa le bogakolodi. O na le dikgomo tse 6 le dipodi tse 10 mo nakong eno tse a di  filweng a lebogelwa botswerere mo kopelong.

Xwiisetee o gwetlhile banana ba ba nang le talente go e dirisa go itshetsa.

Mo godimo ga kopelo Xwiisetee ke setswerere sa go besa le go apaya dijo tsa segagabo.

A re go kwiditetsa khadi le go goga lebolara o tlaa kgaogana le tsone fa a tsena mo lebitleng.