Naledi

HINO e tla agiwa kwa Maun

 

Jaanong ditso di diragetse mo Botswana kwa Maun jaaka bagwebi ba Aferika Borwa ba modiro wa koloi ya teraka ya HINO ba thibeletse kwa motseng oo wa bojanala, go simolodisa madirelo a go aga koloi ya HINO.

Go simololwa ga madirelo a HINO jaanong go segetse goromente wa Botswana le Batswana ka kakaretso ka fa lefureng, ka dikeletso tsa bone tsa go nna le diteraka tsa HINO, go tlaa  atlega ka ba tlaabo ba di reke ka madi a a botoka. Se gape se tlaa tlhofofatsa theko ya didirisiwa tsa koloi e, gore gongwe le fa senyega di kgone go bonwa kwa marekisetsong a Ngami Toyota gone mo Maun.  Fa a bua kwa tshimolodisong semolao ya madirelo a kwa Maun beke ee fetileng, motshwarateu wa kompone ya HINO go tswa Aferika Borwa, Pieter Klerck, o boletse fa a lebogetse go tla go rurifatsa tshimolodiso ya koloi eo. A re go dira jalo go tlaa tiisa botsalano jwa bone ele bogogi jwa kompone le Batswana, le babereki, ba a rileng bangwe ba bone ba tlaa thapiwa mo kgaolong ya Nhabe.

Klerck a re ba tsile go itebaganya le dikgwetlho tsotlhe tse di amanang le dithoto tsa HINO le ipapatso ya tsone. O tlhalositse fa ba na le makalana a le 65 go ralala lebopo ka bophara, aa akaretsang Aferika Borwa, Namibia le mono Botswana, maikaelelo e le go rotloetsa ditirelo tsa HINO. E rile fa a amogela baeng mo boemong jwa kompone ya Ngami Toyota, Michael Moruma, a tlhalosa fa ba ikemiseditse go fa bareki ba bone dikoloi tsa maemo a tlhwatlhwa e kgolo. Gone kwa modirong o, go ne ga nna le khupelekhupele e mo go yone batsenelela tshimolodiso ya madirelo a, mo go bone bale bararo ba neng ba ikgapela ditsidifatsi tse dinnye.