Naledi

Therisanyo le mabutswapele ke konokono � Balopi

Kagiso Molatlhegi le Patrick Balopi
 
Kagiso Molatlhegi le Patrick Balopi

Balopi o buile jaana bosheng kwa ntlolefalafala ya kgaolo ya Gaborone Bophirima. O gakolotse Madomi go sa kgoba kgetsi mme ba itharabologelwe. Balopi, yo gape eleng monnasetilo wa khansele ya Bagolo ba BDP, a kile a nna mopalamente wa Francistown le go nna Mothusa Motsamaisa Palamente ya Botswana, a re bagolo ba phathi ba segile tema e e tshwanetseng ya tlhabololwa gangwe le gape ke banana ba ka jaanong ba tshwereng teu ya boeteledipele jwa phathi mo makalaneng a yone.

Balopi o tlhalositse fa therisano le mabutswapele a phathi ele botlhokwa. A re ka ditlhopho tsa 2009, bagolo ba ne ba supa matshwenyego a go gotlhagotlhana ga maloko mangwe le baeteledipele.

“Re ne ra tlhobaela ka seemo sa nako eo mme ra tlelwa ke go belaela fa go tlaa seke go tsamaye sentle ka ditlhopho tsa 2014. Mme go ne ga diragala fela jalo. Bagolo bangwe ba ne ba re latela ba re botsa gore gare go tseneng ka dikgotlhang tsa banana le baeteledipele bangwe ba phathi,” a tlhalosa jalo Balopi.

Balopi yo a kileng a etelela pele lekoko le le tlhomilweng ke Tautona wa pele Dr. Festus Mogae, la go sekaseka molaomotheo mo ditsetleng tsa 77,78,79, o gakolotse banana le boeteledipele jwa gompieno go nna ba lekodisa bagolo ba phathi ka diphitlhelelo le dikgwetlho tsa phathi. 

O bile a bolela fa a itumelela mogopolo o o rerisantsweng kwa phuthegong ya BDP kwa Mogoditshane, wa gore go simolodisiwa sekolo sa thuto ya polotiki ya Domkraga le ditsamaiso tsa yone.

“Maloko a phathi e a bontsi eleng banana, a tshwanetse a itse go sekaseka le go ranola melawana le mananeo a yone le go a dibela gongwe le gongwe. Re tlhoka batho ba ba tshwanang le Mma Makgato go buelelela le go sireletsa serodumo sa phathi, eseng go iphitlha ka monwana le go nna ditlhong.” Balopi a gakolola jalo.

Balopi o na le dingwaga tse 75 ebile a na le boloko jwa BDP jwa dingwaga tse 52.

Ya re a mo kgwa dikgaba, Mokwaledimogolo wa BDP, Botsalo Ntuane, a bolela fa se se diragaletseng phathi ya kwa Aferika Borwa ya ANC ele sekai se se kgobotseng letlalo la ntho mme se ba gakolola ka go latlhegelwa ga toropokgolo ya Botswana, Gaborone, mo ditlhophong tse di fetileng. Ntuane o kgothaditse maloko go shwafatsa boloko jwa bone le go ngoka maloko a masha.

Monnasetilo wa kgaolo ya BDP ya Gaborone, Bontsi Monare, o ne a kgothatsa makalana a phathi otlhe go rotloetsa kwadiso e ntsha, a bolela fa makala a dikgaolwana a tshwanetse a netefatsa fa seelo sa go kwadisa maloko a le dikete tse di lesome kgaolo nngwe le nngwe ya Gaborone, se tshwanetse sa diragadiwa.

 Monare o tsweletse a solofetsa Balopi fa kgaolo ya Gaborone e tlaa rulaganya bokopano jwa bagolo ba phathi le boeteledipele jwa dikgaolo, go tla go ithuna dinta ka diphitlhelelo le dikgwetlho ka maikaelelo a go nonotsha phathi.