Blogs

A re tswelele ka one

Fa kgang ya rona e tsweletse, re ne ra utlwa fa e ne ya re nako nngwe, Tshetsana a se ka a buisa Nthepha sentle. Nthepha o ne a batla madi a Tshetsana a neng a kile a a adima.

Boemong jwa go duela madi ao, kgotsa gore ka botho fela a bolele gore ga a kgone go duela, Tshetsana a raya Nthepha a re a mo fologe, a se mo eme godimo jaaka loso. Re ne ra re, e ne e ka re go utlwa mafoko a, Nthepha a betwa ke pelo; ke gore a tenega thata a bo a ikana gore ga a kitla a thusa Tshetsana ka sepe.

Mo godimo ga go betwa ke pelo, go na le go tshwara ka pelo. Gone go raya eng? Re bona Nthepha a ne a betisiwa pelo ke mafoko a Tshetsana a neng a mo araba ka one. Re ne ra re, ka go bona a utlwile botlhoko mo go kalo, e bile a ikana gore ga e ka ke ya re ka nako epe a thusa Tshetsana, Morwadi o mo rapela gore a buse pelo.

Ke gore a lebale tse Tshetsana a di mo dirileng, a mo itshwarele, e re le ka moso a mo thuse.

Ee, Nthepha o ka busa pelo a lebala tse Tshetsana a di mo dirileng, ga nna monate. Go ntse go ntse jalo, o ka gana go busa pelo, a tswelela a ikana gore, le fa go ka nna jang, ga a kitla a thusa Tshetsana. 

Fa dilo di ntse jaana, Setswana se re, Nthepha o tshotse/tshwere Tshetsana ka pelo. Go bua jaana go raya gore, Nthephi  ga a lebale se Tshetsi a se mo dirileng, e bile ga a mo itshwarele ka tsela epe. E nne seemo se se botlhoko fa gare ga ditsala.

E re a ntse a tsweletse a kgabisa puo Motswana a re, go na le go beta pelo. A raya eng? A raya go dira selo motho a tshaba, a boifa kana a tshogile. 

A re tseye sekai re re, Morwadi o kwa Letloping. Go bosigo o batla go ya go robala. O  a ema, o ya kwa tlung. Fa a tsena ka kgorwana, a re matlho leba, noga ke eo fa tlase ga dikobo tsa gagwe.

Ka tota o tshaba noga, o a tlola, o boa ka morago. O ema fa ntle, o ipotsa dipotso gore, o tlaa dira jang ka ga go na ope gaufi yo o ka tlang go mo thusa. Fa a sale foo, o bona thobane fa tlase ga ntlo. O a e tsaya, o beta pelo, o tsena mo tlung, o lwantsha noga, a bo a e bolaya. Morwadi o felela a bolaile noga mme tota a ne a dira jalo ka go beta pelo; ke gore ka o tshaba noga, a dira a tshogile, a tshaba gore a noga eo ga e tloge e tlola e mo loma. E mo lomile,. o tlaa thusiwa ke mang, a le nosi jalo?

E ntse e le maloba, re ne ra kopana le Mhudi a ya Letloping mme a tshwarwa ke pula mo tseleng. Fa a tsena fa nokeng, a fitlhela e tletse mo e neng ya mo kgaola pelo; ya mo tshosa. Fela a se ka a tshaba go tlola. A tlola a bo a ya go goroga kwa Letloping.

Le fa a ne a tlola, a bo a tswelela le mosepele, e ne e ka nna ya re a bona noka e tletse jalo, Mhudi a nna megopolo mebedi. Mogopolo mongwe e ne e ka nna gore, ka noka ke eo e tletse thata, ga a ka ke a kgona go tlola, jalo he, a itlhoboge, a boele gae. O mongwe mogopolo e ne e ka nna gore, le fa noka e tletse mo go kalo, a a leke go tlola gongwe o tlaa kgona.             

Fa go nna jaana, Motswana o a re, motho o pelo ped i. A re Mhudi o ne a le pelo pedi,  pelo e nngwe e re a boele gae, e nngwe e re a tlole. Pelo pedi  go tlaa bo go raya gore, Mhudi  o ne a na le megopolo e mebedi e e sa tshwaneng.

Mogopolo o mongwe o ne o re a boele gae, fa o mongwe o ne o re a tlole noka, a tswelele le mosepele. Potso e bo e ka nna gore, ka ke yoo o pelo pedi, ke a reetse efe? Mhudi o ne a ya le pelo e e neng e re a tlole. A tlola a ya go goroga.  Wena? Tlhola o di goga sentle, o se pelo pedi. motshwanes@yahoo.com