Blogs

Ga se go tsenya moko

mme e re bangwe re itumetse,  ba bangwe ba lele ba re mogote o montsi o a ba lwatsa. Go tle mariga, e re bale ba itumela, ba itumelela gore mogote o montsi ole o fetile, bangwe ba lele ka mariga a a bo a tsile ka serame mme ke gone bao, ba tsogelwe ke makoa a a botlhoko thata. Jalo he, ba ba se ke ba rate mariga fela jaaka bale le bone ba sa rate selemo. Go nne thata; e ne e kete dilo di ka bo di itlhophelwa, motho a itlhophela gore ngwaga yotlhe e nne selemo e seng mariga, fa yole ene a ne a ka itlhophela mariga.. Mme ka ke tlholego, go nne thata gore go ka fetolwa lobopo. Go fetola mang, jang? Ga go ope.

Go nne jalo di tlhatlologane ka go farologana ga tsone dipaka. E re mariga a tsenye, batho bangwe ba re, fa e le bana ba sekole bone, serame seo, se ba babalela thata. Go twe, bana ba a ne ba sale ba tsogile ba ipaakanyetsa go ya sekoleng, bangwe ba se lata kgakala mme motho a gata fela ka lonao, le fa e le mpheetshane a sa mo rwala; ke gore a sa rwala ditlhako. Bangwe go twe, ba tswa ba apere kapari fela ya gale, ba sa baya sepe fa godimo go thibela serame seo. Kgang e felele e re, seemo se, se kgoreletsa bana go ithuta ka ba tlaa tlhola koo, ba sitilwe, mmele o boboanye, e re le go rutwa, ngwana a se ke a tshware sepe.

Nako ya ditlhatlhobo e tle, go kwalwe, mme e re maduo a tswa, a tle a le kwa tlase. Kgang e nne e nne gore, bana ga ba ithute sentle ka gore, fa go le mariga, ba tsenwa ke serame thata ka ba a bo ba sa apara sentle, ba sa apara diaparo tsa mariga tse di bothito. Go ntse jaana, go tle mogopolo wa gore, bana ba thusiwe, ba namolwe serame gore tiro ya bone ya sekole e tle e tokafale. Mme tsela e nne efe? Tsela e nne gore, go namola bana serame sele, a ba thusiwe ka diaparo tsa mariga. Go nne jalo.

Gompieno re utlwa fa ngwaga ono, bana ba sekole sa Makaba kwa Kanye ba ne ba thusiwa ka tsela ya go nna jaana, ke morafe wa kgotla ya Tsopye gone mo Kanye. Go ya ka polelo nngwe e re e bonyeng, mogopolo o, o ne wa fetlhiwa ke gore maduo a sekole sa Makaba, a lokwalo lwa bosupa, a ngwaga wa 2017, a ne a sa itumedise. Gone fa, batsadi ba kopana le mogokgo go utlwa gore di tsamaile bogole fa kae. Go bonala gore koo, ga lemogwa gore mariga bana ba fenyediwa ke serame thata mme ke gone ga tla mogopolo wa gore, a e re ka nako eo, ba thusiwe ka ditlhako le dikausu. Morafe wa thusa jang?

Ga twe go ne ga rekelwa bana dipara di le masome mabedi. Re dumela gore fa go buiwa ka dipara tsa ditlhako  Godimo ga tsone ga rekwa dikausu di le masome mabedi fa madirelo a Debonairs Pizza one a ne a ntsha diatlana di le masome mabedi. A go dira jaana go ne go fiwa bana botlhe ba sekole seo, kana, go ne go inotswe fela fale le fale, foo, ga re itse polelo ele ga e bolele. Fela re tlaa re e, ke tiro e ntle thata, e tlaa thusa bana bao, e ba namole mariga. Go bolelwa fa tiro e, e ne e se tiro ya ntlha ya go thusa sekole sa Makaba. Re utlwa gore, go ne go kile ga dirwa jalo gape ka ngwaga wa 2018. Mme morago ga go thusa bana jaana, ga nna jang? Go ya ka polelo, maduo a tokafala, a tlhatloga.

Mahulo e ntse ke one a rona a gale e leng Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo ele ya sekole sa Makaba foo. Fa e bua ka fa sekole seo se neng sa nna sa dira ka teng morago ga go thusiwa ke morafe, Dikgang (Daily News) Motsheganong 31 2019 ya re;

‘Ka 2018 sa tokafatsa……mme seo sa ba tsenya moko go tswelela ka moono……’

Kgang ya temana e ke gore, morago ga gore bana ba sekole sa Makaba ba thusiwe ka diaparo tsa mariga, maduo a ne a tokafala, a tlhatloga, mme batsadi ba tlhagafalela moono ole wa go rekala bana diaparo tseo. Moo go a utlwala, fela se gompieno re batlang go se supa ke gore, ga e re motho a tlhagafalela tiro, kgotsa, a kgothadiwa ke sengwe go tlhagafalela tiro eo, Setswana se re, o tsenya moko. Nnyaa, Setswana sa re motho yoo, o tiya moko, o a tiisa. Fa go buiwa ka kgang e ya go thusa bana ba Makaba, go twe, e rile go bona maduo a tokafala, morafe wa tiya moko, Fa se fetela pele, Setswana se re, batho, banni, ba kgotla ya Tsopye, ba ne ba tiya moko, ba tsenya marapo dinameng, e seng ba tsenya moko. Mo gotlhe go tlaa bo go raya gore, ka ba ne ba itumelela tiro ele ya go thusa bana ka diaparo tsa mariga, ba ne ba tlhagafalela go tswelela ba e dira ka gore, jaaka re utlwa, e ne ya thusa go tlhatlosa maduo a sekole. Jaanong, a e se re boemong jwa go tsenya marapo dinameng, ra re, motho o ne a tsenya moko.