Blogs

Ga re tshwantshwanye

Ke gore, go sa ntse go na le sengwe se re batlang go se bua, bangwe ba re, go se tshwaela.

E ne ya re go alela kgang ya rona ya maloba ra re, mono  Botswana, re na le dipaka tsa ngwaga tse di farologanyeng thata ka go nna selemo go tloge go nne mariga. Mme pharologanyo e nne eng? Pharologanyo e nne gore, fa go le selemo, letsatsi le nne bogale thata. E re le le bogale jaana, motho mongwe ke yoo a re, bangwe ba re, ‘Letsatsi le bogale; the sun is angry.’ Go nne jalo, le nne bogale, go nne mogote o montsi. E re mogote o le montsi jalo, bangwe ba itumele, mogote oo o ba natefelele, mme ba bangwe bone ba se ke ba o rate, ba re o a ba lwatsa. Morago ga selemo, go tle mariga mme kgang e fetoge, ditlhabi di huduse marobalo. E re bale ba itumetse, ba itumelela gore mmele jaanong o iketlile ga o na ditlhabi dipe tse di kalo, ba bangwe ba lele, ba re serame seo, se huduseditse ditlhabi tsele kwa go bone. Kgang ya rona ya tswelela ya re, e re go ntse jaana, e ne e kete dilo di ka bo di itirelwa, ya re bale ba itlhophela mariga, ka ga a ba tsosetse makoa ape, ba bangwe ba itlhophele selemo ka le bone se ba tsaya sentle.  Ra re, mme go bo go ka fetolwa jang? Go nne thata ka ke tlholego.

Kgang ya rona ya tswelela ya re, e a re mariga, serame se le bogale jalo, bangwe ba re, fa e le bana ba sekole bone, se felela mo go bone; ke gore se ba babalela thata. Go twe, se se dirwa ke gore bangwe ga ba apare sentle, ga ba na ditlhako, kgotsa, diaparo tse di bothito. Jalo he, serame se ba tsene, e re le go rutwa, bangwe ba se ke ba tshware sepe ka boboko bo a bo bo gatsetse. A ke nnete boboko bo a bo bo gatsetse, kana, e a bo e le go gatelela fela gore bana ba a bo ba tsenwa ke serame thata, ga re itse. Morago ga dilo tse, nako ya ditlhatlhobo e tle, go kwalwe. Motlha mongwe, e re maduo a tswa, a tle a sa tlhatswe pelo; matshwao a bana a le kwa tlase, maduo ka kakaretso a sa nametse.

Go twe, go ntse jalo ka gore mariga bana ga ba ithute sentle ba fetlhwa ke serame. Seemo se, se se ke se itumedise mme mogopolo e nne gore, a bana ba thusiwe, ka tsela nngwe ba namolwe serame gore ba tle ba tshware dithuto sentle. Re ne ra utlwa ka polelo ele gore, go ne ga dirwa jalo kwa sekoleng sa Makaba kwa Kanye.

Polelo e ne ya re bana koo, ba ne ba rekelwa dipara tsa ditlhako, dikausu, le diatlana; tse tsotlhe. Sengwe le sengwe e le masome a mabedi. Re ne ra re, ga re itse gore a se, e ne e le palo ya bana botlhe ba sekole seo, kgotsa go ne go rekwa go inolwa bana fela fale le fale. Fela re belaela gore fa, go ne go thusiwa  bana ba go neng go bonwa tota ba tlhoka go thusiwa. Re nne re re, e ne e le tiro e ntle thata. Mme morago ga nna jang?

Ga utlwala gape gore, bana bangwe, ba lokwalo lwa bosupa, ba ne ba setse ba kile ba rekelwa diaparo tsa mariga ka ngwaga wa 2018 mme one ngwaga oo, maduo a sekole a tokafala, a tlhatloga. Ga twe, se sa nametsa batsadi pelo mme ba bona fa ba tshwanetse go tlhagafala ba tswelela ka mogopolo ole wa go nna ba thusa bana ka diaparo tsa mariga. Potso e tlaa nna gore, maduo a tokafala jang? Go ya ka polelo, ka 2017, sekole seo se ne se na le ‘A’ a le mongwe mme maduo otlhe ya nna 66%. Ka 2018, maduo a tokafala, sekole sa bona bo ‘A’ ba supa, sa ba sa tlhatlogela kwa go 82.6%. Batsadi ba tiya moko, moono wa go thusa bana ka diaparo tsa mariga wa tswelela; ga dirwa jalo gape monongwaga.

Re setse re boletes gore, polelo ya go thusa bana ba Makaba, re e newa ke Dikgang (Daily News) Fa e bua ka fa maduo a neng a tokafala ka teng morago ga gore bana bao ba thusiwe, Dikgang (Daily News) Motsheganong 31 2019   ya re;

‘…..sekole sa dira botoka thata fa go tshwantshwanngwa le ….2017.’

Tlhoma mafoko a a fa godimo a matlho, mme mo go one o tlaa bona lefoko ‘tshwantshwanngwa.’ Kgang ya rona gompieno e botsa gore, a re a tshwantshwanya, kgotsa, re a tshwantshanya? Karabo e re, re a tshwantshanya, ga re tshwantshwanye.

E re o bonye Motswako mme ya re o mo leba wa bona a tshwana le Kokeletso, kgotsa e kete ke Kokeletso, o re ‘Ke bonye Motswako  mme ka mo tshwantsha, ka mo tshwantshanya, le Kokeletso.’ Fa re re maduo a tshwantshwanngwa le a mangwe, a re tlaa re tiro ke go tshwantshwanya? Nnyaa, ga re ke re rialo ka ga re tshwantshwanye, re a tshwantshanya. Re tlaa re, re tshwantshanya maduo le a mangwe.