Blogs

A re bue ka manatetshapuo a lefoko �pelo�

E re motho a tsamaya ka bonya, go twe o goga dinao, o imelwa ke maoto e le a gagwe. Gore a itlhaganele go twe a tsose dinao. Ka gone go rata go kgabisa puo, Motswana a nna le manatetshapuo a a dirisang lefoko ‘pelo.’ E tlaa re gompieno re bue ka manatetshapuo a. Ka a mantsi, seroto se tletse, ga re ke re bue ka one otlhe, re tlaa tlopola fela.

Go sega tema, a re simolole ka go kgaoga pelo. Fa Motswana a re motho o ne a kgaoga pelo, o raya eng? A re tseye sekai re re, Mhudi o mo tseleng o ya Letloping.

Fa a ntse a tsamaya o fitlhelwa ke pula e ntsi thata mme ga a itsape, o tswelela le mosepele. Fa a tsena fa nokeng, o fitlhela e tletse thata, metsi a bile a tlodile dipota. Go bona noka e tletse jaana, o a tshoga. E tlaa re a natefisa puo, Motswana a re, e rile go bona noka e tletse, Mhudi a kgaoga pelo, a ipotsa gore, a o tlaa kgona go e tlola. Go kgaoga pelo go tlaa bo go raya gore Mhudi o ne a tshoga thata.

Go sale foo, Motswana o a tle a re, motho o ne a betwa ke pelo. O a bo a raya eng? Re itse fa pelo e le sengwe sa dilo tse di jewang. Ka Setswana fa go tlhabilwe, pelo e jewa ke badisa. Mme gore go twe motho o ne a betwa ke pelo, ga go reye gore e rile motho yoo, a a ja pelo, a tshwanetse go e metsa, ya ema mo tseleng, ya se ka ya ya go wela kwa mpeng, kwa e tshwanetseng go ya teng. Gore go twe motho o ne a betwa ke pelo, go rewa gore, motho o ne a tenega thata. E le sekai, a re re Mhudi o ne a kgona go tlola noka ele, e a neng a fitlhela e tletse mme a ya go goroga kwa Letloping. Fa a tsena koo, a fitlhela dikgomo dingwe di se yo. A  botsa gore di timetse leng, go rileng, mme se ka a newa karabo epe ya tlhomamo. Fa ba ntse ba bua, a tenega mme a tsaya thupa a betsa Thulare. Go kgabisa puo, Motswana o tlaa re Mhudi o ne a betwa ke pelo, a felela a betsa Thulare.

Go ntse go ntse jalo, go na le go sula pelo gone go raya go hutsafala kana go utlwa botlhoko. Re ne ra bona nako nngwe Tshetsana a tla go adima madi mo go Nthepha go ya go aga. Fa Nthepha a solofetse gore madi a tlaa boa, ga se ka ga nna jalo. Nthepha a felela a rwala ditlhako go latela madi mme a feta a bolelelwa mafoko a e seng one. Tshetsana a raya Nthepha a re, a mo fologe, a se mo eme godimo jaaka loso. Morago ga go utlwa mafoko a, Nthepha o ne a ka tlhola a le bodutu, le go bua a sa bue, mme Setswana se re, o sudile pelo; o sudile mowa. Ka go sula pelo, go tlaa bo go rewa gore, Nthepha o hutsafetse, mafoko ale a ga Tshetsana a mo utlwisitse botlhoko.

Le lengwe lenatetshapuo ke le le reng go busa pelo. A re tswelele le sekai se se fa godimo sele, re re, ka ga a a itumelela ka fa Tshetsana a mo tsereng ka teng, Nthepha o ka ikana gore, ga e ke e re ka tsatsi lepe, a thuse Tshetsana ka sepe. Morwadi o utlwa mafoko a, mme o kopa Nthepha gore a buse pelo. Go bua jaana, Morwadi o raya gore Nthepha a se tutelele ruri, a itshwarele Tshetsana, e re ka letsatsi lengwe a mo thuse.

Gape, go na le go isa pelo mafisa. Bangwe re itse polelo ya ga Mokotedi e go tweng, e rile batsadi ba tswa, ba ya golo gongwe, ba re a sale a swaya nama e bo e nna boboa, ba raya gore, a e swaye thata. A bo a utlwile Mokotedi. A tlhola a swaya nama mme ya gana go nna boboa. A  bona gore ga a ise a dire tiro e e leng yone tota. A ema, a batla boboa, a tsenya mo nameng. Nama ka nnete ya nna boboa. A itumela Mokotedi a bona gore jaanong o dirile tiro ka botlalo. Batsadi ba boa koo, ba isitse pelo mafisa. Fa ba ya go bona nama, ba fitlhela e tletse boboa. Ba sula dipelo.

Ka go isa pelo mafisa, go raya gore, batsadi ba ne ba tla ba solofetse thata. Tsholofelo e le gore, ba tsile go ja nama e e monate. Ga se ka ga nna jalo, ka Mokotedi ene a ne a tsaya Setswana fela jaaka se bua. A re name re eme fa, ka jaaka re buile, go gontsi.

motshwanes@yahoo.com