Naledi

Ba re lenaneo la ESP ke lefela

 

Jaanong kwa bokone-bophirima e fetogile selelo ka ntata ya lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le barui ba reng ke leina fela.

Fa ba bua le Naledi mo potsolotsong bosheng, barui ba kgadile tsamaiso ya lenaneo leo ba sa kgwe mathe. Ba boletse fa go sena motlhala mo go tsenyeng manyena ka fa tlase ga lenaneo le ba kaileng fa ba ne bana le tshepho mo go lone. Ba re ba sale ba kwadisitse manyena a dikgomo kgwedi ya Mopitlo go tla le gompieno gaayo.

Barui ba re ba senyegelwa ke madi a go hira batho go phutha dikgomo ka tsholofelo ya gore manyena a di fitlhele mo masakeng. Ba re gangwe le gape ba swabisiwa ke go utlwa fa manyena a seyo ka ntata ya neteweke.

Morui wa moraka wa Polokabatho, Kagiso Boitumelo, o tlhalositse fa a setse a sena tshepho mo lenaneong la ESP. A re lenaneo le, le ntsha maduo kwa mafelong a sele fela. A re go thapilwe banana go dira tiro eo ya go tsenya manyena, mme go fitlha jaana go eme fela.

Fa a akgela mo boemong jwa lephata la temo-thuo tebang le kgang e, moanamisa mafoko wa lephata, Clifford Molefe, o tlhalositse fa lenaneo la go tsenya manyena (BAITS), le sa tsamaye sentle mo kgaolong.

A re lephata le setse le ntshitse manyena a ka tshwara 120 000 000 mme mo go one, barui ba setse ba tsentse a le 25 000 000 fela mo dikgomong .

Molefe o tsweletse gape a tlhalosa fa ba ne ba thapa banana ba le masome matlhano mme jaanong go setse ba le lesome le bobedi fela. A re banana bao gantsi ba tlogela fela go sena kitsiso ya gore ba tlogetse tiro eo ya go tsenyetsa barui manyena.

Le fa go ntse jalo, Molefe o boletse fa ba leka bojotlhe go ikopanya le barui go utlwa mabaka a se se ka tswang se kgoreletsa lenaneo le.

Barui ba kgaolo ya bokone-bophirima ba ne ba solofetswa go tsenyediwa manyena mahala ka ntata ya dibetso tsa tlholego jaaka leuba le le dikileng le apere kgaolo eo ka bophara le bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo bakileng gore theko ya kgomo e nne boutsana mo kgaolong. Lenaneo le jaanong le saletse kwa morago gona le jaaka go ne go solofetswe.