Naledi

Dihutshane di falodisitse monna kgolegelo

 

Kgaodi, yo aneng a seka a  diela lekgotla nako ka go ipona molato, o ne a sekela gore e rile ka kgwedi ya Lwetse ngogola e tlhola gararo, a etela mongongoregi ebong Boitumelo Ratladi ko lefelong la gawe la bonno. Ya re go gorogeng koo a botoslotsa mongongoregi gore mokapelo wa gagwe o kae mme karabo ya mongongoregi ya fa mokapelo wa gagwe a robetse ya seka ya itumedisa Kgaodi.

Kgaodi o ne a bolelela Ratladi fa a tsile go se bona se se tla diragalang mme morago a boela kwa  ga gagwe ko a neng a tla a tswere lebotlolo le le nang le leokwane.

Kgaodi o tsweletse ka go bolelela lekgotla fa ele boammaruri a ne a tswelela ka go tsena ka dikgoka mo ntlung ya ga Ratladi mme a fitlhela mongongoregi  a robetse le mokapelo wa gagwe mme a ba tshela leokwane.

Mokapelo wa ga Ratladi o ne iphalotsa ka letlhabaphefo mme mosekiswa o ne a mo sala morago jalo a mo kobakobile.

Mokapelo wa ga Ratladi o ne a kgona go sia mme morago Kgaodi a boela kwa ga Ratladi kwa a fetileng a mo itaya, mme  yare morago  mongongoregi a amogelwa kwa kokelong ya Athlone kwa a neng a amogela kalafi mme moragonyana o gololwa.

Kgaodi o ne a ikuela fa pele ga lekgotla gore le mo sekegele tsebe ka a na le dihutsane ebile a gama a ikotela.

“Ke kopa lekgotlha gore lo seka lwa mpha katlolo ya kgolegelo ka kena le bana le dihutshane tse ke di itlhokemelelang ka bonosi. Fa nkaya kgolegelong botshelo jwa me bo ka tlhakatlhakana,” Kgaodi a ikuela jalo.

Yare a ntsha katlholo, Mmakaseterata, Tumelo Amos o ne a lemotsha mosekisiwa fa molato o a o dirileng o ka mo isa kgolegelong. O ne a re o tsere tsia maipobolo a gagwe mme a mo atlholela ngwaga e ele esi mo kgolegelong.

Katlholo e a e seegetseng fa thoko sebaka sa ngwaga mongongoregi a sa dire molato  ope.