Naledi

ESP ga e thuse banana gotlhelele!

Jaanong go lebega o kare ga se sone tota se se neng se rerwa kwa tshimologong.

Ntswa dipalo tsa puso di ise di rebolwe mabapi le dikompone tsa banana baba sologetsweng molemo ke ESP, bangwe ba santse ba bonala ba gobeya mo mekgwatlheng, fa bangwe bone ba le kwa malwapeng ka go sena ope yo o ba neelwang ditiro tsa ESP.

Ditiro di le dintsi tsa lenaneo le la ESP di setse di bonala di dirwa morago ga gore dikompone dingwe di abelwe dithentara tsa tsone ka go farologana, se jaanong se belaetsang ke go bona e le dithentara tse di fentswe le go neelwa dikompone tse ditona tse di ntseng di le teng. Ke tse di tsenang mo seatleng, kgaolo le kgaolo tse itatswang.

Mo ditirong tse di farologanyeng tsa go tsosolosa itsholelo, go lemosega sentle gore ke ditiro tsa diatla, mme tse dikgolo tse di lopang didikadike tsa dipula, ke tsone di abelwang boradikonteraka ba ba ntseng ba le teng, ba go solofelwang gore ba ka dira tiro e ntle ba bo ba wetsa ka nako e ba e dumalaneng le puso.

Se ka bo sone fela se setse se kgaphetse banana kwa ntle, ka bone ba sena maitemogelo a ditiro tsa bogolo jo bo kana, mo godimo ga se dikompone tse di tona tse, ga di thape palo epe ya babereki ba basha, ka di ntse di na le babereki ba tsone.

Palo e nnye e e hiriwang e, e latofatsa dipuo tsa gore ESP e tlhama ditiro, bogolo banana ba ba tswang kwa dikoleng tse eseng tsa ditiro tsa diatla, tsa di unibesithi dingwe.

Fa e le fa gotweng ke fa banana ba ka itlhobogelang teng, ke mafofora fela a a setseng fa bo mekaloba ba dikompone e fiwa sekidi sa ditiro.  Re eletsa go kopa puso go ema ka dinao ka tlhwaafalo mo go tlhameleng banana ba lefatshe le ditiro tsa sennela ruri ka e se botlhe ba ba ka komediwang ke ESP.