Naledi

Joseph Dijara - Kakapa ya botaki ya Zowa

Mongwe wa banana ba ba neng ba reetsa ke Joseph Dijara wa Letlhakane kwa kgaolong ya Boteti.

Joseph yo tota a tlholegang kwa Toromoja, a le dingwaga di 27, ke motaki mme o boleletse Naledi fa a tshotswe ka bokgoni jo mme a bolela fa go tshela yoo dithetsenyana.

Dijara a re o lemogile fa bokgoni jwa gagwe bo golela pele mme a ne a simolola go ntsha sehuba sa gagwe sentle a le kwa sekoleng se segolwane kwa Letlhakane, kwa a feditseng mophato wa botlhano teng.

Joseph a re gaa ise ako a bonyabonye mme a itoma molomo wa tlase ka go godisa bokgoni jwa gagwe.

A re lephata la banana le ne la mo ema nokeng ka dikete tse di masome a supa go simolola kgwebo ya gagwe, e a reng o santse a tsweletse sentle ka yone.

O boletse fa a tshwantsha dilo tse di farologanyeng ka mabaka a go ranola ditiragalo tsa botshelo.

A  re botaki bona le boleng jwa go ka tshedisa motho kwa ntle ga pereko, le fa gone gona le dikgwetlho tse di tshwanang phadisanyo magareng ga bataki le theko e e boutsana.

“Le fa mmaraka o santse o le matswakabele, go botoka motho o oba lebogo.

Keletso ya me ke gore ke nne ke ya kwa Maun go rekisa tiro yame teng go e bontsha bajanala,” Joseph a rialo.

O lopile bakwadi ba dikgang thusa go mmapatsa mo dikoranteng.

Dijara a re botaki bo ka rekisa lefatshe leno kwa ntle gammogo le go tswakanya itsholelo.

O gwetlhile Batswana go kgatlhegela go reka didirwa  tsa  bataki ba mo gae, ka  di supa maikutlo le tse di diragalang mo matshelong a bone.

Bontsi jwa Batswana mo mehameng ya bodiragatsi le meopelo ba setse ba kgothatsegile fela thata mme se se bakwa ke meletlo le maitiso a malatsi a ga tautona.

Selo se baitsaanape ba itsholelo le matshelo a batho ba bolela fa se ka namola Batswana mo manokonokong a lehuma la nta a tshetlha.

Dijara o gwetlhile bananakaene go tlhagafalela go itlhamela dikgwebo ebile ba nne pelotelele gonne gatwe, ‘moepathotse kodumela ga go lehumo le tswang gaufi’.