Blogs

Lefelo leo, le dikaganyeditswe.

Selelo e nne gore, fa seemo se ka tswelela se ntse jaana, sa ba sa golela pele, Batswana bangwe ba ka felela ba apere kobo ka letshoba, le yone itsholelo ya lefatshe e koafale. Mme fa go ntse jaana, botshelo e nne eng? Go nne thata, go tshelwe ka bosesane.

Ga se rona ke Setswana sa re, ‘Masepa a ntsa a dujwa, a dubiwa, a sale metsi.’  Se raya gore, dilo tse di maswe, jaaka jone bogodu jwa loruo, di tshwanetse go thibelwa, go lwantshiwa, di sale disha e se re gongwe, seemo sa tloga sa etegela, ga senyegela pele. Jalo he, e ne ya re go bona bogodu jwa loruo bo atile mo go kalo, puso ya tla ka lenaneo la Kgomokhumo e le go leka go bo tlhabantsha gore barui ba se ka ba tloga  ba felela ba iphotlhere, loruo lwa bone lo ile le naga.

Ka lenaneo le, mapodisi a tsamaya a tlhodumela, kana, a okomela maraka go bona gore a dikgomo tsotlhe tse di moo, ke tsa lesaka leo. Motlha mongwe ba fitlhele dikgomo tsotlhe e le tsa mong wa lesaka. Fa go ntse jalo, dilo di siame, go se ke go nne le epe kgang, ba fetele pele. Nako nngwe e re ba tsena, ba fitlhele dingwe dikgomo di belaetsa, e se tsa lesaka leo. Ba botse gore, tseo ke tsa ga mang, di tswa kae, di tsenye jang foo. Fa go sa nne le dipe dikarabo tse di utlwalang, mong wa lesaka a ikatamediwe go ya go araba dipotso tseo kwa pele.

Lenaneo le la Kgomokhumo, le bolelwa le aname le lefatshe leno lotlhe mme fa le fetileng teng, mo dikgaolong tse le setseng le tsenye mo go tsone, barui ba le itumelela, ba bona le dira tiro e e molemo, e ntle thata. E re go ntse jaana, Motswana a itumele a re, ‘Sa tsopa (letsopa) ke go tswa.’ A raya gore, fa tiro e dirwa, e tshwanetse go bonwa e tswela pele, o roba sengwe mo go yone, kgotsa, jaaka ba bua gompieno, e nna le maduo. E bolelwa e ntse jalo Kgomokhumo. Ga twe, e a di busa tse e reng di bonwa mo nageng, di lelediwe melodi, di lelediwe moretlwa, di isiwe kwa marakeng a e seng a tsone. Go twe, e a ba tlhatlhela ba e reng go twe ‘Dilo makwati…..’ bone ba bo ba dirisa puo eo ka tsela e sele.

Gompieno re utlwa fa e ne ya re bosheng, Ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe, a rolela barui ba Ghanzi lenaneo le semmuso. Polelo ele ya re, e rile a ba baya seroto pele, a bolela fa lenaneo la Kgomokhumo le nonofile e bile le na le tema, le na le maduo, jaaka go setse go bonetse mo mafelong a le simologileng mo go one. Ga twe e rile a fetela pele, a bolela fa Rre Dipheko Motube, yo o eteletseng lenaneo le pele, a filwe tsotlhe tse a di tlhokang, go tlhabantsha, bogodu jwa loruo. A nna a tswela pele, a bolela fa mapodisi a Special Support Group (SSG) a tlaa okediwa kwa Ghanzi le Ngami e ntse e le tsela ya go lwantsha bogodu joo. A, e nne mafoko a a monate a e leng gore e ka re bangwe ba a utlwa, ba boela morago, ba tshaba go tsoga ba bolelwa ka boitshwaro jo e seng jone. Re re, a go nne jalo, e eme ka dinao Kgomokhumo e supegetse bangwe gore dilo makwati ga se go itseela tsa ba bangwe fela, o sa kopa, o sa fiwa. Lefoko le sale le builwe ke Morena a re, ‘Lopang lo tlaa newa,’ e seng, itseele fela. Nnyaa, a re se itseele fela, a re lope, re tshabe gore e tlaa re re rile re a ithusa, re tloge re di game re sa di tlhapela.

Go utlwala fa le kwa Ghanzi Kgomokhumo, e ne ya itumelewa. Ga twe mopalamente koo, Rre Salakae, o ne a bolela fa lenaneo le, e le tshegofatso ka barui ba Ghanzi ba tlhorontshitswe ke bogodu jwa loruo. Tsholofelo ke gore e tlaa re Kgomkhumo e tsena kwa Ghanzi, e fetole seemo, bogodu bo fokotsege. Re nne re re, a go nne jalo.

Polelo e tswelela e re, moemedi wa barui kwa Ngami, o ne a re kwa Tsau le Ikoga le gone bogodu bo bontsi thata, A bolela fa go na le lefelo lengwe le go utswelang marole kwa go lone, a bo a otlelwe teng.

Re ntse re atametse Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo e ya Kgomokhumo kwa Ghanzi mo go yone. Fa e bua ka lefelo le go tweng go utswelwa marole teng Dikgang (Daily News) Seetebosigo 03 2019  ya re;

‘…..gona le lefelo le le dikaganyeditseng ke metsi…..’

Leba mafoko a a fa godimo a sentle mme mo go one o tlaa bona lefoko ‘dikaganyeditseng.’ Ga twe ‘…..le le dikaganyeditseng ke…..’ Kgang ya rona gompieno ke lefoko ‘dikaganyeditse.’  Ra re, lefoko le, ga le a dirisiwa sentle. Ke eng re bua jalo? Thanodi ya Setswana e tlhalosa lefoko ‘dikaganyetsa’ e re, ke go ema ntlheng tsotlhe tsa sengwe. Re dumalane re re, fa selo se dikaganyeditse se sengwe, se mo dithoko ga selo seo, mme sele sone se fa gare. Polelo ele, e bua ka lefelo le le fa gare ga metsi, metsi one, a le mo dithoko ga lone. Fa go ntse jalo, go twe, metsi a dikaganyeditse lefelo lele, fa lone le dikaganyeditswe ke metsi. A polelo e bue jalo, e re le dikaganyeditswe, e seng le dikaganyeditse ke….