Blogs

A mafoko ao, a elwe tlhoko

Re setse re itse gore, lenaneo le, le tlhomilwe e le tsela nngwe ya go lwantsha bogodu jwa loruo ka bo setse bo aname le lefatshe leno lotlhe mme gongwe bo ka tloga jwa tlogela barui bangwe ba iphotlhere jwa ba jwa koafatsa le yone itsholelo ya lefatshe tota. Re ne ra utlwa gore e rile a bua ka lenaneo le, Rre Makgophe a bolela fa Kgomokhumo e nonofile, e bile tiro ya yone e setse e bonala mo mafelong a e mo go one. Gongwe mongwe yo e leng la ntlha a utlwa ka lenaneo le, o ka botsa gore, mme yone Khumokhumo e dira tiro ya yone jang.

Jaaka bontsi bo setse bo itse, Kgomokhumo e tsamaya e okomela maraka e batla go itse gore a dikgomo tsotlhe tse di moo, ke gore tsa lesaka le ka nako eo Kgomokhumo e leng fa go lone, a ke tsa mong wa lesaka leo. A re re lesaka ke la ga Direpe mme go fitlhelwa ka boammaaruri dikgomo tsotlhe e le tsa gagwe. Foo, ga go nne epe kgang, go siama fela, mme e fetele pele Kgomokhumo.

A jaanong re re, fa pele fale, e tsena ka lesaka la ga Nkgaupane mme e fitlhela dingwe dikgomo e se tsa lesaka leo. E botsa Nkgaupane gore tseo dikgomo di tswa kae, ke tsa ga mang, le gore, di tsenye jang moo. Nkgaupane o palelwa ke go araba dipotso tse. Go twe, fa go nna jaana, e a mo tsaya Kgomokhumo go ya go araba botoka kwa pele. Fa le gone koo dipotso di ka nna tsa pala, a felele a katogile legae, a ile kgolegelong. E re go nna jaana, barui bangwe ba itumele ba re, loruo lwa bone lo tlaa nama lo ikhutsitse lo hula sentle. E bolelwa e eme ka dinao Kgomokhumo e dira tiro ka botlalo. Re utlwa gore, gone ka tsatsi lele, Ramapodisi o ne a re kwa Ghanzi le Ngami mapodisi a Special Support Group (SSG) a tlaa okediwa. A tswelela a supa fa kwa Ghanzi go tlaa agiwa dikampa tsa Kgomokhumo kwa Okwa, Bere, Metsimantsho le Makunda fa kwa Ngami gone di tlaa nna kwa Komana, Sehitwa, le Nokaneng, Tse, ya nna dintlha dingwe tse di neng tsa buiwa ke Rre Makgophe fa a rolela barui ba Ghanzi lenaneo leo la go leka go namola Batswana mo go bangwe ba e reng ba bona loruo lwa batho ba itseele fela ba re lenaga ga le beele. Re re, a mogopolo o wa go oketsa SSG, le go aga dikampa, o atlege ka o tlaa tiisa Kgomokhumo moko e tlhagafalele tiro ya yone.

Fa re ntse re tla le polelo ele, re ne ra utlwa e re, go bolelwa fa kwa Ngami go na le lefelo lengwe le go utswelwang marole kwa go lone a bo a otlelwe koo. Re dumela gore, go isa marole koo, e a bo e le go ya go a fitlha gore a gole a nne dikgomo mme ke gone yo o a fitlhileng foo  a tle a a huduse a ye go a tlhatlhela kwa ga gagwe. Re ne ra utlwa fa lefelo le, le le fa gare ga metsi mme fa polelo e bua ka lone ya re;

‘… lefelo le le dikaganyeditseng ke metsi kwa…..’ Kgang ya rona ya maloba e ne ya supa gore, fa re re, ‘dikaganyeditseng ke….’ga re bue sentle. Ra re, go bua sentle a re re, ‘….le le dikaganyeditsweng ke….’ ka gore lefelo leo, le fa gare ga metsi, fa metsi one a le ka kwa ntle ga lone.

Fa re boela fa morago fale, fa godimo ga temana e e buang ka lefelo le go utswelwang kwa go lone lele, re bona temana e nngwe yone e bua ka mohuta o mongwe wa bogodu. Polelo e supa gore barui bangwe ba a tle ba utswelwe. E re go dirafetse jalo ba buisanye le ba ba ba utswetseng gore kgang e felele fela fa gare ga bone. Ke gore, fa gare ga yo o utswileng, le yo o utswetsweng. Ba buisanye, kgang e fele, mme yole a felele a duelwa ka dikgomo tse le tsone e leng tsa bogodu. Ga twe Rre Makgophe o ne a kgala selo se, a re ke go rotloetsa bogodu. Re dumalane le ene.

Re setse re boletse gore, polelo e ya Kgomokhumo kwa Ghanzi re e newa ke Dikgang (Daily News) Seetebosigo 03 2019.

Mo go yone polelo e, temana ele fa e bua ka go duelwa ka dikgomo tse le tsone di utswilweng ya re;

‘…..ba duelwa ka…..fa ba sena go buisanya le yo a mosenyeditseng…..’

Lefoko ke leo la re, ‘mosenyeditseng.’ Re botse gore, a lefoko leo le tshwanetse go kwalwa jalo? Karabo ya rona e re, nnyaa, lefoko leo ga le a kwalwa sentle ka gore, jaaka re a tle re nne re supe, le tshwaragantse mafoko a a ka bong a kgaoganye; ke gore a sa tshwaragana.

Re re, ‘lefoko ‘senyeditseng’ le tswa mo go  ‘senyetsa’ le e leng lediri mme le tshwanetse go ema le le nosi koo. Lefoko le, la bo le tshwaraganngwa le ‘mo’ yo ba tlaa reng ke legokedi. Ba re, le ene o tshwanetse go ema a le nosi. Re wele re re, a mafoko a go nna jaana a ne a elwa tlhoko thata  ka diphoso tsa one di dintsi.