Blogs

Mopako ga se wa dijo fela

Re ne ra ntsha sekai sa gore, fa o ka botsa ka morokotso, ba le bantsi ga ba ke ba itse gore o bua ka eng. E re boemong jwa go bua ka morokotso wa kgomo, bone ba bue ka wa madi, wa banka, ka oo ke one o ba o itseng. Wa kgomo one, o fitlhele le ka matlho ba ise ba ke ba o bone.

Sekai se sengwe ya nna gore, o ka botsa ka pinagare, mme go nne go tshwane fela. Ba se ke ba itse gore pinagare ke eng. Re ne ra netefatsa se ka go ntsha sekai sa gore, ngwana mongwe o kile a bodiwa gore pinagre ke eng, mme karabo ya gagwe ya nna gore pinagare ke pina e e fa gare. E le eng a ne a bua jaana?  O ne a araba jaana ka go bona lefoko ‘pinagare’ le dirilwe ka mafoko a mabedi, e leng, ‘pina’ le ‘gare.’ Go bona mafoko a, mogopolo wa mo raya wa re, pina e, ke pina e e fa gare ga tse dingwe. Ngwana a bo a sa itire, ka tota a ne a sa itse pinagare, a ise a ke a e bone gope.

Ke ba le kae gompieno ba ba kileng ba e bona kgotsa ba e utlwalela? Gongwe bangwe golo gongwe ba e bonye. A mme ba bolelelwa gore ke eng? O fitlhele ba sa bolelelwa leina la yone fela jaaka ngwana mongwe a kile a bodiwa gore a o itse seolo mme a re ga a se itse. Nako nngwe a se supegediwa, ga twe, ke sone seolo sele. Ngwana a hakgamala a re ene o itse selo seo e le anthill. A o ne o ka hakgamala go utlwa karabo ya go nna jaana, fa dilo gompieno e le Sekgoa fela?

Go thusa ba ba sa itseng, re ne ra tswelela le kgang ya rona ya maloba ka go tlhalosa gore pinagare ke kota e e epelwang fa gare ga ntlo (ya Setswana) go tshegetsa ditlhomeso kwa godimo, kwa di kopanelang teng. Ra tlhalosa gore kwa tlase, ditlhomeso di tshegediwa ke mepako, e yone e pegiwang mo godimo ga maotwana. Maotwana a, a epetswe go dikologa lokotswana lwa ntlo ka kwa ntle. A maphata kwa godimo mme maphata a, ke one a a tshwarang mepako, e tsena fa gare ga one.

Re ne ra tswelela pele ra re, lefoko ‘pinagare’ le ka dirisiwa gape e le lenatetshapuo, le raya selo se se tshegetsang se sengwe. Re ne ra ntsha sekai se go tweng, golo gongwe, mongwe o ne a bua ka mekgatlho mengwe, mme a e rotloetsa go dira mmogo, a re, tshwaragano ke pinagare ya katlego. Go bua jaana a ne a raya gore mekgatlho eo, e ka tswelela sentle fela fa e ka tshwaragana ya dira mmogo ka mowa o le mongwefela.

Morago ga kgang ele ya rona, bangwe ba ne ba botsa Mmualebe gore a mopako/mepako ga se dijo? Ba re bone ba itse mopako e le dijo tsa bana fa ba ya sekoleng; jaanong ke eng go twe o a aga? Go ntse jalo. Bana bangwe fa ba ya sekoleng, ba fiwa kana ba pakelwa dijo gore ba tle ba je koo mme dijo tse, di bidiwe mopako. Mme a re tlhalose gore lefoko ‘mopako,’ ke lengwe la mafoko a masha a Setswana.

Bogologolo ditsela di ise di rethefale jaaka re di bona gompieno, mesepele e ne e le bonya. Mosepele o gongwe gompieno o ka tsayang letsatsi o tsamaiwa, nako eo o ne o tsaya malatsi. Ka go itse gore ba tlaa lala kgotsa ba tlhole nageng, batho e ne e a re fa ba tsamaya, ba tseye dijo le metsi e le se ba tlaa se jang mo tseleng. Dilo tse di ne di bidiwa mofago; bangwe ba re ke mhago.

Ka ba a tle ba re puo/teme e a gola e bile e a fetoga, lefoko ‘mhago’ la nyelela, ga tla mopako o tota o ka bong o bidiwa mhago ka le one mhago o a pakiwa. Ka gone go fetoga le go gola ga puo, mopako jaanng o raya dilo tse pedi. O raya logong lole lo lo agang; gape o raya tsone dijo tse bana ba sekole ba di pakang fa ba ya sekoleng kgotsa tse motho a di tsayang fa a le mo mosepeleng ampo a ya go tlhola golo gongwe kgakala. A re itse gore mopako ga se wa dijo fela. Go na le o mongwe, o jaaka re setse re buile, go agiwang ka one. Mme gape one o, o ka dirisiwa go tswala.

motshwanesyahoo.com