Makgalemele o itoma diteme
Oageng Batenegi | Wednesday August 3, 2016 15:18
Mme fela ekete se ke peo e e welang mo lekgarapaneng. Tota ebile Palamente e ne ya fetisa mogopolo o, ka Palamente ya bolesome.
Batswana ba ne ba tlhalosetsa Kokorwe gore ba batla go bona baemedi ba bone ka tlhamalalo ba ntsha dikakgelo tsa bone kwa palamenteng. Mme fela mothusatona wa ofisi ya Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Dikgang Makgalemele, o santse a itoma diteme fa a tshwanetse go tlhalosa seemo ka tiragatso ya mogopolo o.
E rile bosheng, mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Dithapelo Keorapetse, a botsa ka tshutiso e, le seemo sa go gasa dipuisanyo tsa palamente ka tlhamalalo. Makgalamele o ne a araba kwa palamenteng gore ga gona sepe se se dirilweng go fitlha jaanong.
Makgalemele o ne a tlhalosa fa tiego ya go o diragatsa e tsetswe ke letlhoko la madi. Karabo e batho ba le bantsi bareng okare o leka go iphitlha ka monwana. Fela, e ntse ele ene, o ne a patelesega go tlhalosetsa palamente gore thulaganyo e e lopa bokae. Mme a tloga gape a bolela fa madi a thulaganyo e a ka nna a bonala mo lenaneong la ditlhabololo la lesome le motso (NDP11). Fela, bangwe Batswana le mapalamente mangwe ba re a dirise lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP) go diragatsa mogopolo o.
Mapalamente ba ne ba mo tlhasela ka dipotso go leka go tlhaloganya gore o dumela gore o ka tlhoka bokae go diragatsa mogopolo o. Makgalemele a re go gasa dipuisanyo tsa palamente go tlaa tlhoka ntlo-kgaso, didirisiwa, le madi a go duela ditsamaiso tsa thulaganyo e tsa tsatsi le letsatsi.
Mapalamente a dumela gore go setse gona le bontlhabongwe jwa didirisiwa tse, kwa palamenteng. Ba re se se tlhokegang fela ke go di oketsa fale le fale.
Karabo ya bosheng ya ga Makgalemele, e ne ele ka Labobedi kgwedi ya Phukwi e tlhola ga tlhano. Dipatlisiso tsa Naledi di supa fa potso e e kile ya botswa ka ngwaga wa 2014,kgwedi ya Sedimonthole e tlhola ga nne go le Labone.
Bangwe ba simolotse go ipotsa gore bothata jwa go gasa dipuisanyo tsa palamente tota bo fa kae.
E bile go simolotse go utlwala dikgang tsa dinonyane gore baeteledipele ba puso eno ba boifa le go feta gore dingwe tse ba di dirang kwa palamenteng mme di se ka fa tsamaisong di ka senoga sentle mo batlhophing.
Dingwe tsa dikgang tse di akaretsa go tlhoka go tsena palamente ga baemedi bangwe bogolosegolo matona a puso, tota le bone bakganetso. Seemo se kgona go nna maswe mo batsamaisa- dipuisanyo tsa palamente ba patelesegang go phatlalatsa palamente pele ga nako. Matona le bone ba e tle ba kgalelwe go tlhoka go araba dipotso tsa palamente ka botlalo. Tse dingwe di akaretsa go tlhoka go itshwara sentle ga mapalamente ka kakaretso.