Mosola wa diane
Moroka Moreri | Wednesday August 3, 2016 16:11
Maikaelelo a kholomo e ke go tlotla le Batswana ka botlhale jwa Motswana jo bo tseneletseng, jo bo boteng.
Batho bangwe ba dumela gore mo pakeng eno, diane ga di sa tlhola di na le mosola, di siilwe ke nako. Bangwe ba tsaya gore di ne di dirisiwa ke batho ba pele, ka go ne go sena dithuto tsa segompieno tsa bogakolodi.
“Motswana a re…,” e dumela gore fa o e bala, e ka go ruta Setswana, jaaka bontsi jwa Batswana ba paka eno, ba sa itse go bala Setswana, gammogo le go se bua tota. Kholomo e, gape ke boipelo jwa segarona gore Batswana re teng, re ka kwala ga kwalega, ra balwa ga balega.
Fa o le morati wa Setswana, kholomo e ke letlotlo le legolo, ka jaana, e tla go ruta diane, e bo e go neela ka botlalo ditlhaloso, bogolo jang tse di tsamaelanang le mekgwa le tsamaiso ya botshelo jwa segompieno.
Kholomo e e siametse go dirisiwa ke barutabana mo dikoleng, go ruta bana go bala setswana, go kwala dipolelo, kana go lebelela mokgwa wa go kwala polelo, gammogo le go tsaya botlhale jo bo tseneletseng jo bo agilweng ka dipolelo, mekgwa le ditemalo tsa segarona.
Ga e felele fela mo baneng ka e ka dirisiwa ke bagolo go ikaga, go aga bana mo lelwapeng, kgotla, motse le lone lefatshe. E dirilwe ka mokgwa o e ka bopang batho kwa ditirong le mo matshelong a batho a letsatsi le letsatsi.
Popego ya kholomo e e dirilwe ka tsela e e ka gwetlhang tshekatsheko ke baithuti ba bo Mmadikole, bogolo jang ba ba ka batlang go kgala ka tsenelelo se se kwadilweng, kana ba tsweledisa maikaelelo a ka dipatlisiso tsa bone gore a mme diane di ka tsamaelana le matshelo a rona mo dipakeng tsa segompieno.
Dibui jaaka mapolotiki, baruti le ba maemo a magolwane, ba ka dirisa kholomo e go tsaya dikinolo tse ba ka di dirisang fa ba bua mo diphuthegong.
Babegadikgang ka metlhale yotlhe ba ka anywa tlotlontswe mo kholomong e, kana ba dira ditlhogo tse go ka buiwang ka tsone mo mananeong a bone.
Badiragatsi ba ka sela sengwe mo kholomong e, ka jaana ba diragatsa ka ngwao, mekgwa le ditemalo tsa Batswana, tse dingwe tsa tsone di ka tsamaelanang le se se buiwang fa.
Kholomo e mongwe o ka e dirisa ka tlhwaafalo, mongwe ka tsela ya itlosobodutu.
Re kwala kholomo e ka Setswana se se motlhofo, se se ka balwang ke Motswana mongwe le mongwe, a sa sokole. Gata le rona, o akole!
A rialo Motswana…!