Blogs

A re se re tshosologa

Go ya ka yone polelo, batho ba lela thata ka go diegelwa go bewa ditsha tsa bonno.

Re itse gore, ka molao wa lefatshe leno, motho ga a itseele lefatshe fela a nna, kana, a aga foo.Lefatshe le a kopiwa mme mokopi a letele lekgotla la kabo ditsha go mo fa, kgotsa, go mmaya. Fela, nako nngwe lekgotla le se ke le akofele go araba mokopi, go mo fa setsha. Re ne ra utlwa fa se, e le sone selelo kwa Matlhakola le Mokungwana. Fa seemo se ntse jaana, go se ke go nne monate ka Motswana a re, motho ga se nonyane, ga a age mo godimo ga setlhare. A fetele pele a re, sotse (lerotse) la makopo ga le na kgodu. Go bua jaana, Motswana a bo a raya gore, motho o tshwanetse go nna le setsha sa gagwe, a ikagela; gape ga a ka ke a tshelela ruri ka go kopa boroko. Se, e nne sone selelo gore fa batho ba sa akofelwe ba fiwa ditsha, ba tlaa nna kae.

Go feta foo, ga twe, go bona go le thata mo gae, bana ba Matlhakola le Mokungwana ba felela ba kopa ditsha go sele mme ba di bone. Ba di bonye, ba huduge mo gae, ba ye go aga, ba dire ditlhabololo koo, fa kwa ga bone gone go sala go se na dipe ditlhabololo le motse o sa gole. Re nne re lele le bao re re, di ate jang di se na marole? Go nne thata. Mme ga se ka ga felela foo.

Polelo ya re, ga lelwa gape ka gore dikoloto tsa metsi le tsone di diega go goroga kwa go beng. Re itse gore, fa go nna jaana, dikoloto tseo di diega, di tlhatlagana koo, di felela di le bokete mme bangwe ba felele ba ba sa kgone go duela. Go ntse jaana, e nne kgang e sele. Go leka go tila seemo se, ra utlwa go twe, mogopolo o ne wa re a metsi, jaaka motlakase, a nowe ka dikarata. Re re, ke mogopolo a o atliwe.

Nako ele re ne ra re, go bolelwa ba ne ba lela jalo ba Matlhakola le Mokungwana mme go lebega ba ne ba lela se se mothama. Ba lela mme ka ntlha e nngwe ba itumeletse gore ba gokeletswe metsi le motlakase. Mo go bo go raya gore, ga ba itse lenyora, ga ba itse lefifi. E re ba itumetse, gongwe ba adime mafoko a sehela ke sele ba re;

‘Go lefifi le le kwenneng;

Bantsi ba mo go lone,

Matlho mantsi a lebela

Lesedi le mo go rona.’

Ba opela jalo ba itumeletse motlakase, e se go rera efaengele.

Godimo ga tseo, ba bolelwa gape ba ne ba itumelela mopalamente ba re tiro ya gagwe e na le motlhala. Mo go bo go raya gore tse mopalamente a di dirang mo kgaolong di a bonwa, di ka bolelwa, tsa ba tsa supiwa ka monwana ga twe, lo a bona, o dirile sele le sele. Fa go nna jaana, go nne monate.

Go sale foo, mopalamente a ba nonela pelo pele ka go bolela fa dingwe tsa dikopo tsa bone, jaaka go atolosiwa ga kokelwana, di sekegetswe tsebe mme di tlaa tsenngwa mo tshekatshekong ya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba, NDP 11.

Polelo e supa gore, ga nna ga fetela pele, boitumelo jwa gola. Re utlwa gore kwa Mokungwana, Kgosi Thabologo Pobetsi a kaya fa ba lebogela lenaneo la Kgomokhumo. Re itse fa lenaneo le, le tlhomilwe go lwantsha bogodu jwa loruo mme le bolelwa le setse le dira tiro e ntle thata.

Re setse re boletse fa polelo e ya selelo sa Matlhakola le Mokungwana re e newa ke Dikgang (Daily News) Seetebosigo 03 2019.

Fa e bua ka fa e reng Kgosi Pobetsi o ne a re ba lebogela Kgomokhumo ka teng, Dikgang (Daily News) ya re;

‘…..a re ba tlaa rua…..ka tshosologa…..’

Re nne re re, tlhoma mafoko a matlho mme mo go one o tlaa bona lefoko ‘tshosologa’ le gompieno e leng lone kgang ya rona. Potso e re, o bona lefoko leo jang? A le dirisitswe sentle kgotsa nnyaa? Re re, ga re itse gore wena o tlaa reng mme rona ra re, lefoko leo, ga le a dirisiwa sentle. Re re, lefoko le le neng le tshwanetse go dirisiwa foo, la tlhamalala, ke ‘tshosologo.’ Re botse Thanodi ya Setswana gore tshosologo ke eng mme e re ke ‘seemo sa go phuthologa maikutlo go se na dikgoreletsi.’  Re dumalane le Thanodi gore tshosologo ke go phuthologa maikutlo. Re re, fa o dira selo ka tshosologo, o se dira o phuthologile maikutlo o sa boife, o sa tshabe, sepe. Se Kgosi Pobetsi a neng a se bua ke gore, ka Kgomokhumo ke eo e a thusa, e lwantsha bogodu jwa loruo, barui ba tlaa rua ba phuthologile, ba sa boife gore loruo lwa bone lo tlaa itseelwa ke ba ba ratang go senyetsa ba bangwe. Jalo he, a re se re barui ba tlaa rua ka tshosologa. A re re, ba tlaa rua ka tshosologo.

Gape re bo re ka re, ba tlaa rua ka phuthologo; ke gore, ba phuthologile maikutlo, go se epe poifo, go se lepe letshogo, go se sepe sekgoreletsi, mo go bone.