Blogs

A re bitse mafoko ka botlalo

Ga twe tona o ne a supa fa tiro ya lephata la gagwe e le go gokaganya lefatshe leno le mafatshe a mangwe ka tsa amranyane. A supa gape gore puso e tshwere ka thata go bona gore maranyane ao, a nna one, a a dirisiwa. Godimo ga moo, tona a bolela fa lephata la gagwe le neilwe boikarabelo jwa go gokaganya metsi, motlakase, le ditlhaeletsanyo tsa maranyane, se e le go leka go tlhamela Batswana ditiro. A e nne mafoko a a monate ka gore, tse tsotlhe, fa di ka tswelela tsa dirwa sentle Batswana ga ba ke ba itse lenyora, ga ba ke ba itse lefifi, le go tlhaeletsanya ba ka tlhaeletsanya motlhofo ka maranyane ao, go sa re sepe gore ba katoganye go le kae. Mme se, se kgaole matsapa a gore fa motho a batla go bua le yo mongwe, a mo rwalele ditlhako, a mo latele kwa a leng teng. Gongwe go bo go fetole puo e e reng mafoko a matlhong jaanong e nne mafoko ke go tsaya ka tsebe.Go twe fela fa yole a a go tsentse ka tsebe, a le kwa a leng teng, go siame.

Go ya ka polelo ele, tona a fetela pele a bolela fa kgaolo ya gagwe e filwe boikarabelo jwa go lebagana le temo ya nosetso ka fa tlase ga lenaneo la Special Economic Zone le e reng ba le tlhalosa ka Setswana ba re ke la magoboka a ditirelo. Go utlwala fa mogopolo ka lenaneo le e le go leka go tswakanya itsholelo go na le go baya mo go reng itsholelo ya lefatshe leno e ka nonotshiwa fela ke ditswammung. Ba re, tseo di a fela mme temo thuo yone e ka belega Batswana go ya go ileng. Go twe, re le Batswana, a re emele temo thuo ka dinao. A, e nne e nne mafoko a a monate mme a tiise bangwe moko ba dire jalo. A re lete re bone gore ka ke leo le dule lenaneo, go tlaa nna jang kwa Tswapong. Go bua jaana, ga se go ba kgoba marapo ke gore, a di tiise, di gogele pele, mosepele o se felele nageng. Re utlwa fa a ne a fetela pele tona jaanong a bua ka tse di sa tsoseng kgaolo ya gagwe. A supa gore, o tlhaloganya dikgang tsa kgaolo tsa go tlhoka metsi, motlakase, ditsela, le tsa dikole. Mme a re, o tsweletse o itebagantse le tse ka bongwe ka bongwe. A re solofele gore e tlaa re go leta, ba felele ba bona se ba se letileng, ba se ke ba lete lefifi ba ga rona kwa Tswapong. Re re, a e re ba letile, ba inametse ka gore, ‘Tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong.’

Mme ga se ka ga felela fela ka tsele. Ga twe, godimo ga tseo, tona a ama le tse di sa tsoseng lephata la gagwe. A bua gore, puso e sale e ntshitse madi gore ditsela dingwe di dirwe mme tiro eo, ga e ise e dirwe. Lebaka e le eng.  Ga twe tona a re tiro e diilwe ke dikgang dingwe tse di fa pele ga makgotla a ditsheko di isitswe koo ke beng ba dikonteraka. A supa fa seemo se, se se monate, se tshwanetse go rarabololwa. A re, tiro e a diega, ditlhwatlhwa le tsone di nne bokete ka di gola ngwaga le ngwaga. Re dumalane ka Setswana sa re,’Go disa ga modisa ke go gorosa,’ se raya gore, fa tiro e dirwa, e tshwanetse go dirwa ya wela sentle. A o ka re di gorogile, tsone di letse nageng? Nnyaa. Polelo ele ya loeto lwa ga tona Makgatho kwa Sefhare – Ramokgonami re e tlelwa ke Dikgang (Daily News) Motsheganong 24 2019 

Temana ya ntlha ya polelo e ya re;

‘Beng ba dikonteraka …..ba kgaletswe go dia ditlhabolo…..’ Ke eo kgang. 

Re nne re re tlhoma temana e re e nopotseng eo matlho mme mo go yone o tlaa bona lefoko ‘dia.’ Lefoko le, le dirisitswe gararo mo polelong ele. Re nne re re, a lefoko le, le dirisitswe sentle? Re re, ga re itse gore wena o tlaa araba o reng mme rona ra re, nnyaa, ga le a dirisiwa sentle. Ke eng re bua jalo? Go araba potso e, a re utlwe gore polelo ele tota yone ya reng. Polelo ya re, beng ba dikonteraka ba fiwa ditiro tsa puso go di dira. Mme ba dire jang? Ba nyafale kgotsa ba nne bonya, ba tseye lobaka  go dira ditiro tseo mme di fele morago ga nako e di neng di tshwanetse go fela ka yone. E re go ntse jana go twe motho o diya tiro kana, o ne a diya tiro.

Phoso e e diregileng fale ke gore, go ne ga se ka ga kwalwa lefoko ‘diya’ ka botlalo mme la kwalwa jaaka fa re ka le bitsa fa re bua. Re itse gore, fa re bua, re ka metsa mafoko ra se ka ra a bitsa ka botlalo. Mme fa re kwala, a re se dire jalo, A re bitse, re kwale mafoko, ka botlalo.