Naledi

E a kgakgatha ko BFA

Sebego
 
Sebego

Le fa go ntse jalo, pitsa ya phuthegokgolo le ditlhopho tsa lekgotla le le tsamaisang merero ya kgwele ya dinao la Botswana(BFA)yone e simolotse go sholonya, e kgakgatha, e ipaakanyetsa go tsholelwa banaleseabe mo bogaufing.

Go kgakgatha ga pitsa e go supa fa sekhurumelo se tshwanetse sa tholelwa mme ga tlhodumelwa tse di buduleng le tse di tlhokang go inolwa go tlhola gore a di utlule molelo sentle mo pakeng ya setlha sa liki e ya tema ya khuduthamaga ya BFA e e eteletsweng pele ke Tebogo Sebego.

Tse tsotlhe di tlaa diragala mo malatsinga se kae mme tse di kwa setlhoeng e tla nna molotsana wa pina ya setlha sa liki e e sa felang. Ga gona ditshimega, ebile gape gago ise go abiwe dietsele tsa botlhe ba ba gaisitseng. Motshameko wa go supa ditshimega ga oa fela o ile wa patelesega go emisiwa ka batshameki ba Mochudi Centre Chiefs ba ne ba sa lekana palo gore o ka tsweledisiwa mo mafelong a beke ee sa tswang go feta kwa Francistown. Ka jaanong go rurifetse gore liki ya monongwaga e pala go fela, barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao ba lebile fela kwa ditlhophong tsa botautona jwa BFA.

Ba lebile jaana ka go eme banna ba le bararo ba ba tsewang e le mekaloba ya boammaaruri.Gago motlhofo go ntsha mofenyi kgotsa molatlhegelwa mo go bone ka ba itsewe thata ka lorato le maitemogelo a a kwa godimo mo kgweleng ya dinao. Mekaloba e, ke tautona wa gompieno Tebogo Sebego, mogolwane wa setlhopha sa Police XI, Solomon Mantswe, le mogwebi yo o kileng a bo a amanngwa thata le Mochudi Centre Chiefs, McLean Letshwiti. Ntwa ya boraro jo e dira gore le ntswa liki e ise e fele, motshameko o o tshwanetseng go nna wa bofelo o ganne go wela. Setlhopha se sengwe se ne sa tla ka batshameki ba supa, yo mongwe abo a gobala, motshameko o bo o emisiwa. Le fa go ntse jalo, barati le balatedi ba kgwele ya dinao bone ba setse ba bua ka phuthegokgolo le tlhopho e e masisi ya tautona wa BFA. Ba ba nang le tshwanelo ya go tseela Batswana tshwetso ka tlhopho ya bone, ba itse le go tlhaloganya sentle gore pitsa e e kgakgathang e, e raya gore e tlhoka go tlhodumelwa le go fetolwa. Gongwe bangwe ba re e lokilwe thata fa bangwe gongwe ba tlaare e tlhatlolwe e tsholwe.