Naledi

Bommamanthwane ba tlhasetse kwa Tewane

Se se senogile bosheng jaaka Mothusatona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Botlhogile Tshireletso, a ne a bolelela palamante gore o amogela fa seemo sa matlwana a borutelo kwa mafelong mangwe, Tewane a le mo teng, se sa itumedise. Tshireletso a re ba begetswe ka seemo se mme ba dira ka tsotlhe go tsibogela seemo se.

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Joseph Molefhe, o ne a boditse Mme Tshireletso gore a o itse ka seemo se matlwana a mabedi a borutelo kwa sekolong se sebotlana sa Tewane, se se tlhasetsweng ke bommamanthwane le motlhwa. Molefhe o ne a re seemo se se maswe mo se kgoreletsang thuto ya bana kwa sekolong se. O ne a batlile gape go itse gore seemo sa ditafole le ditilo kwa go sone sekole se, se tlaa tokafatswa leng ka di kokonela baithuti, tota le gone go oketswa ga palo ya matlwana a borutelo.

E rile a tswelela ka go tsibogela potso ya ga Molefhe, Tshireletso a bolela fa e rile ka kgwedi ya Seetebosigo a le malatsi a masome mabedi le botlhano monongwaga, lephata la gagwe ka fa tlase ga khansele ya legare, la simolola go lwantsha seemo sa bommamanthwane le motlhwa kwa sekolong seo. Tona a re tiro e simolotse ka go ntsha marulelo a a neng a amegile mme tiro e solofetswe go tswelela go fitlhelela kgwedi ya Phukwi ele masome mabedi le bosupa.

Ya re a latlhela tlhware legonyana, Mopalamente wa Gaborone Legare, Dr Phenyo Butale, a kopa mothusatona Tshireletso go potlakela seemo sa matlwana a borutelo a magologolo lefatshe ka bophara, a a amilweng ke bommamanthwane le motlhwa.

E ne e rile go le pele fa a tsweletse ka go atolosa karabo ya gagwe, mothusatona Tshireletso a  bolela fa bodiredi jo bo itebagantseng le paakanyo kwa sekolong, jwa lekana le seemo mme sa pala le go feta, mme lephata la tsaya tshwetso ya go thapa baitsaanape ba ditshedi tse. A re baitsaanape ba ba tlaa simolola tiro fela ka bonako madi a sena go bonala.

Tshireletso o tsweletse a re ntswa a lemoga gape gore sekolo sa Tewane se tlhoka paakanyo ee tseneletseng jaaka mopalamente Molefhe a supa, fela seemo sa letlhoko la madi ke sone sekgoreletsi.

“Didirisiwa di tshwana le ditafole le ditilo tsone di tlaa sekasekelwa mo ngwageng o o latelang wa madi”, go tlhalositse jalo Tshireletso.