Naledi

Thibelo pelegi e e faphegileng

 

Tshedimoso ya mohuta o wa itshireletso, e dirilwe ke mothusa mokwaledi kwa lephateng la botsogo Dr. Haruna Jibril kwa bokopanong le bobegadikgang maabane mo Gaborone.  Jibril o tlhalositse fa di dirisiwa tse disha di tokafaditswe e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo mme a nankola ya letlhokwana e yone e tlhomelwang mo letsogong mme e bereka ka go itsa mmele go ntsha lee la mme, le eleng lone le dirang gore mme a ime faa kopana le rre, gape le oketsa bophara jwa tikologo ya popelo go itsa lee go ka goroga kwa popelong.

Jibril o ne a tswelela ka go tlhalosa ka fa letlhokwana le le tla thusang bomme ka teng, a re le itsa mme go ka ima mo sebakeng sa ngwaga tse tharo go eng ko go tse tlhano. O bile a re ga e fetole mmele ka gope mo eleng go re fa o batla go ima go ka se nne le bothata bope.

Mothusa mokwaledi o tsweletse a tlhalosa gape ka leseka le le lone le leng lesha mme le tsenngwang mo bosading. A re le leka ka gotlhe go kgoreletsa tshono ya mme go  ka ima.

A re leseka le,  le  nna mo mmeleng wa mme sebaka sa dibeke tse tharo, mme beke ya bone yone e nne ya setswalo mme fa mme a sa tlhole ale batla o ka emisa gole dirisa gotlhelele.Fa a mokgwa kgaba, motshwarelela mokwaledi wa lephata la botsogo Mme Tebogo Bagopi a tlhalosa fa go nna teng ga di dirisiwa tse, go tsere dingwaga dile mmalwa ba ntse ba buisanya le go kopa dithuso mo makalaneng a a dithuso. “Re motlotlo thata go itsisi Batswana ka didirisiwa tse, tse e leng gore di tlatsa tse di ntseng dile mo tirisong mme fela jaaka re tlhalositse, di siametse mmele thata ka di sena ditlamorago tse di ntsi, gona le tsa pele,” Bagopi a rialo.

Lephata la botsogo le ikemiseditse go emisa boimana jo bo sa rulaganyetswang le dikgang tsa go senya dimpa ke ka jalo ba boneng gole maleba gore ba tsise di dirisiwa tse di sa tsenyeng mmele ya bomme mo diphatseng e bile dile motlhofo go dirisiwa.

Ere ntswa ele gone di begwang, Batswana ba kgothaditswe go inaakanya le baitsaanape ba le masome a mane le bobedi ba ba setseng ba rutuntshitswe ka didirisiwa tse, go ralala lefatshe leno ka bophara.