Naledi

Bakgafela ba bina go utlwala

 

Sengwe sa ditlhopha tse di tsereng Batswana le batswakwa ka setsuatsue ke Bakgafela, se se tswang kwa Mochudi, Kgatleng se simolodisitswe ke monna wa morutegi wa sekole sa mmadikole, Thayaone Tuks Matlapeng.

Setlhopha se sa Bakgafela go ya ka motlhami wa sone, yo ebileng e le ene mokatisi wa sone, se bina mmino yotlhe ya setso.

Mme se bogale thata fa go tsenwa ka fa go wa Tsutsube le Sesarwa, o Tuks,  jaaka Matlapeng a tlwaelesegileng go bidiwa, a re o tswa kgakala a o bina, ka a o simolotse a sale mmotlana.

A re fela o o dira pharologanyo mo go e mengwe ka a tlhaloganya thata matshelo a Basarwa a letsatsi le letsatsi, eleng seo a kgonang go a supa ka mmino. Monana yo, ere ntswa e le morutegi wa tsa metlakase le boranyane, a re ke motho yo o ratang thata botshelo jwa Setswana, eleng seo a inaakanya le mmino wa borankana go tloga fela kwa sekoleng se sebotlana, tse di kgolwane le kwa Mmadikole.

Ka go bona ditlhopha di ntse di tsweletse ka go tlhamiwa ka bontsi, mme di bina ka mokgwa o le mongwe fela, o ne a bona gore a eme ka dinao go tlhama setlhopha se se tla a tlisang pharologanyo mo mminong wa borankana. Morago, Tuks Matlapeng a seka a tlhola a diya nako, mme ka ngwaga ya 2010 a tlhama setlhopha sa Bakgafela, a dirisa leina le ka se le kwa kgaolong ya Bakgatla ba ga Kgafela, se e le go tlotla thata morafe le bogogi jwa one.

Ka e le mmantswitswidi le mokatisi wa tlhwatlhwa wa mmino wa borankana yo o katisitseng dikole gareng ga tse dingwe Oodi, Mopdipane le Segale, a re ga go a ka ga tsaya sebaka sepe pele ga Bakgafela se simolola go nna le barati le balatedi ba bantsi, bogolo jang ka go ne go bina bana ba sekole se sebotlana mo go sone.

A re bontsi bo ne jwa simolola go bona mofuta o o pharologanyo wa go bina, le ntswa ditlhopha tse dingwe tse ditona di ne di ntse di le teng sebaka se seleele.

Matlapeng a re ka ntlha ya go bina ka bothakga jo jwa Bakgafela ba kile ba fenya kgaisanyo ya thelebishene ya My African Dream, sa tlhophiwa go emela Botswana mo lenaneong la go abelana dingwao tsa mafatshe a mabedi, ebong Botswana le Japan.

 Mo godimo ga se sa bo gape sa tlhophiwa le dikakapa go ya go emela Botswana ka ngwao kwa Aferika Borwa, kwa a reng erile go bona mmino wa bone, babogedi  ba ba leboga thata.

Setlhopha se, go ya ka Matlapeng, se simolotse ka maloko a le 12, mme se tsweletse ka go gola mo se setseng se oketsegile ka ba bangwe ba le lesome, go dira palo gotlhe 22, mme se ntse se amogela dikopo tsa ba ba eletsang go dira  le sone.