Blogs

Thusa ka koo

Fa a tsena koo, a tshwara phuthego kwa Tutume. Fela jaaka go a tle go nne go direge fa mopalamente a etetse kgaolo, morafe wa bo o bonye sebaka sa go itela mo go ene.

Ga lela mang? Go inolwa maina a le mararo. Ga twe e ne e le dikgotla tsa Thini, Madikwe le Selolwane.Mme tsone di lela ka eng? Ga twe morafe o ne o re, o sale o ledile ka seemo sa kokelwana ya Tutume, e go kaegang e ne e onetse, e bile e le nnye, mme go sa dirwe sepe. Mongwe a bolela fa ba na le dingwaga di ka tshwara botlhano ba ntse ba ikuetse ka kokelwana e, mme go se na sepe.

Go bonala fa loeto lwa mopalamente lo ne lo sala morago lwa tona wa nako ele wa botsogo Dr  John Seakgosing. Go ya ka pego, e ne e rile a le koo, Dr Seakgosing a bolela fa go tlaa baakanngwa dikokelwana di le tlhano mo Tutume mme ya Tutume e sa balelwe mo go tsone. Go lebega fa se e le sone se neng sa letsa batho thata ka ba ne ba sale ba letile, ba solofetse, mme go sa bonale sepe.

Ga go na ngwana yo e reng a lela, a itlhokomolosiwe; a se ke a didimadiwe kana a kgaodiwe.

Ka tsela nngwe, motsadi o a tle a leke go kgaotsa selelo seo. Le fa go ne go tsere lobaka batho ba Tutume ba lela ka kokelwana ya bone, mme go sa diriwe sepe, go lebega e ne e se ka bomo. Ga twe e rile go araba selelo sele, mopalamente a bolela fa go tlhaela ga itsholelo e le gone go dirileng gore dilo di diege. Ka nako eo, a bolela fa se se ka dirwang, e le go baakanya/shafatsa kokelwana, e seng go e atolosa. Go lebega mafoko a, a ne a se ka a feta le phefo, ka jaana e rile bosheng, ga utlwala fa kokelwana e, e tlaa agiwa sesha ka lenaneo la Economic Stimulus Programme,(ESP) le ka Setswana ba reng ke la go rudisa itsholelo. Ka ke foo kokelwana e tla baakanngwa gongwe selelo sele jaanong se tlaa ema.

Fa re fetela pele, re utlwa fa gone mo phuthegong ele ya kwa Tutume, selelo e ne ya se ka ya nna ka kokelwana fela. Ga twe kgosi ya kgotla ya Thini, e ne ya lela ka borukutlhi bo ka nako eo, bo neng bo bolelwa bo diragala mo motseng, bo dirwa ke batswakwa. Kgang ya se ka ya ya gope kgakala.

Ga twe mopalamentse a kopa morafe go emisa mokgwa wa go thapa kgotsa go hira batswakwa le go ba fa boroko. E, ke puo e puso e e buang nako le nako gore, batswakwa bangwe ga ba ‘tsela dintle. Jaanong, a e se re go bonwa batho, ba sa itsiwe sentle, ba bo ba hirwa, kana ba fiwa boroko, e se re gongwe kwa morago, dilo tsa tloga tsa se ka tsa nna monate.

Dikgang/Daily News (Laboraro Moranang 23, 2014)fa e bega ka fa mopalamente a neng a tlhagisa morafe ka teng mabapi le go thapa batswakwa ya re;

‘O ne a kopa banni go tlogela mokgwa wa go fa batswakwa mmereko le jone boroko tota, a re ke bone ba ba itlhabang ka thipa mpeng…..’

A bua jalo mopalamente, a raya gore, ka go amogela batho ba tota ba sa ba itseng, morafe wa Tutume ke one o ipolayang kgotsa o sa itireleng sentle. Fa o tlhoma mafoko a re a nopotseng a matlho, o tlaa bona lefoko ‘go itlhaba ka thipa mpeng.’ Lefoko le, ke lone le re tlaa buang ka lone gompieno.Le raya eng? Lefoko le ke lenatetshapuo mme le raya go tlhoka go itirela sentle.

Ka ra re ke lone le re buang ka lone gompieno, kgang ka lone ke eng? Kgang ke gore, lefoko le ke lengwe la mafoko a Batswana ba sa dumalaneng ka one. Fela jaaka Batswana ba sa dumalane ka lefoko la lehuma, bangwe ba re ke lehuma la nta ya tlhogo, ba bangwe ba re ga twe la nta e tshetlha, le ka go itlhaba ga ba dumalane.

Fa bangwe ba re ke go itlhaba, ba bangwe ba re ke go ithala ka thipa mpeng; go ithala mo, go raya go ithala fela jaaka re rala kgomo fa e buiwa. Ba Mmualebe a neng a nna a ba botsa, ba re ke go ithala, mme jaaka re bua, ba bangwe ba a gana ba re ke go itlhaba. Gompieno Mmualebe ga a na lepe, fa e se go botsa fela gore, tota le e leng lone lefoko la nnete ke lefe; a ke go itlhaba kana go ithala, ampo otlhe, jaaka moruti le moriti, a siame? Thusa ka koo.

motshwanes@yahoo.com