Naledi

Ba Ghanzi ba ngongorega ka BMC

Kgomo ya Nguni DINEPE: ZOLANI KRAAI
 
Kgomo ya Nguni DINEPE: ZOLANI KRAAI

Mafoko a a buile ke Monnasetilo wa Komiti ya leruo la dihutshane lwa Ditshupo tsa Ghanzi France Kanguiko, jaaka a ne a rolela tautona Khama seemo sa thuo mo kgaolong ya bone. Kanguiko a re ntswa ba ipelela katlego ya ditshupo tsa bone tsa dingwaga tse di masome a mane le bobedi, ebile ba kgonne go itepatepanya le dikgwetlho tse di farologaneng tse di amang thuo ya dikgomo, dihutshana le Diphologolo, ga ba dire dipoelo gotlhelele.

A re lefa puso e dira maiteko a go ba ema nokeng, sebe sa phiri ke gore koporase ya BMC  e santse e ba beile ka fa mosing mabapi le dituelo tse di kwa tlase ga seelo sa ditshenyegelo tsa bone. Kanguiko o boletse gape fa ledinyana le ba le bonang go tswa kwa BMC le diega fela thata mme seemo se se ba pitlaganya le dikoloto le dikgwetlho tse dingwe.

Kanguiko a re kgaolo ya Ghanzi e na le dipolase dile 166 tse eleng tse beng ba tsone le dile 82 tse di mo lefatsheng la puso le dile 130 tse di segetsweng barui mo mafelong a phulo ya selegae, ga mmogo le meraka, mme a re kgang ga se dipalo fela mme ke gore barui botlhe mo go tsone ba ikaegile mo dipoelong tsa thekiso ya leruo kwa BMC.

Kanguiko a re dipalo tse di supa fa kgaolo ya Ghanzi e le bontlha bongwe jwa mokokotlo wa itsholelo ya Botswana.

Naledi e lemogile fa selelo sa barui ba Ghanzi se tswa goolowe se utlwala go ralala kgaolo ya Ghanzi le kwa kgaolong potlana ya Charleshill, mme keledi e rothisiwa thata ke tiego ya dituelo, le sekale sa tsone ga mmogo le BMC go sa tsibogela go reka ka dipalo tse di kgotsofatsang mo kgaolo e.  E na ya re bosheng Naledi ya lemoga selelo se gape mo baruing ba dikgomo ba bontsi jwa bone eleng batho basweu, ntswa bontsi ele Batswana. Fela jaaka Kanguiko, ba gwetlha puso gore e ithole mokgweleo wa go tsamaisa matlhabelo a BMC ele nosi.

Ba re ba eletsa gore go nne le phadisanyo le mo mmarakeng wa matlhabelo, ba re go dira seo go ka thusa BMC gore le yone e ithune dinta sentle le go lepalepana le phadisano.

Bangwe ba barui ba popota kwa Ghanzi jaaka Leon Voster le Christiaan ‘Rudi’ Lamcke ba re ga ba eletse BMC e ka tswalwa mme ba eletsa gore go nne le phadisanyo ya matlhabelo le mebaraka. Go ya ka Lemcke, ba eletsa gore barui ba nne le seabe mo go tsamaiseng matlhabelo le fa ele a aikemetseng ka nosi mme e bile ba kgone ba ipatlele mebaraka ya dikgomo tsa bone.

“Ga gona ope yo o ka eletsang go bona BMC e tswalwa mme rona ra re a go nne le matlhabelo a a ka phadisanang le BMC,” go bua jalo Lemcke.

Ya re a tsibogela molaetsa wa ga Kanguiko le komiti ya gagwe, Tautona Khama o ne a solofetsa fa atla ipha nako ya go sekaseka mokwalo wa komiti le go kopana le bangwe ba ba maleba mme a boele kwa go bone.